Morogo wa lephutshe o na le dikotla
22 Mar 2017
Bontsi jwa batho ba rata merogo ya rothwe, morogo wa dinawa, le thepe jalo jalo, mme se ba sa se itseng ke gore morogo wa lephutshe le one o na le dikotla tse di nonofileng e bile di siametse botsogo.
E rile mo potsolotsong le BOPA bosheng, mongwe wa balemi ba morogo o, Mme Amogelang Seidisa, 51, o kaile fa mo Okavango ba tlotlile morogo wa lephutshe.
O kaile fa morogo o, o le bonolo go apewa e bile o sena tatso e e setlhokwana jaaka e mengwe.
‘‘Morogo wa lephutshe fa o sena go bapalwa,o ntshiwa ditlhale pele ga o segelelwa, o bo o omisiwa o sa apewa.
Se se direlwa gore o seka wa latlha dikotla ka gore o butswa ka bonako.
Mme nna ke o rata thata o sa omisiwa gonne o boruma,” Mme Seidisa a latlhela.
Mme Seidisa o tlhalositse fa go na le methale e le mentsi ya go apaya morogo wa lephutshe.
O tlhalositse fa go tswa goo-Lowe, morogo o, o ne o pharanngwa letswai le mahura, o sa tsenngwe sepe gape, mme mo dinakong tsa segompieno, batho ba tsile ka methale e e farologanyeng ya go natefisa morogo o.
Mme Seidisa o tlhalositse fa a tswakanya morogo o le tamati le diloko tse di natefisang tatso.
O kaile fa a kgona go o tsenya lerotse/lephutshe mme o nne monate le go gaisa.
Mme Seidisa o supile gore fa go sena mahura, o kgona go o tsenya mashi a lebese kana boupi jwa borotho.
O supile fa go sena beke e e fetang a sa shabe ka one.
O kaile fa theko ya nama e ile tlase mo lapeng la gagwe, e bile morogo o na le bokgoni jwa go sireletsa mmele mo malwetseng go na le nama. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Segolame Seidisa
Location : GUMARE
Event : Potsolotso
Date : 22 Mar 2017






