Nare e bonwe kwa Maun
22 Mar 2017
Banni ba Maun ba gakolotswe go nna podimatseba ka jaana diphologolo tse di borai di saila mo motseng ka ntlha ya dipula tse di sa tswang go tshologa ka bokete.
Kgakololo e e dirilwe ke mothusa modulasetilo wa khansele ya Bokone Bophirima, Rre Lathang Molonda mo phuthegong ya khansele e e tsweletseng.
O boletse fa ba lephata la diphologolo ba boletse fa bosheng go ne ga bonwa nare mo kgaolwaneng ya Sedie gone mo Maun mme ga e a baka tshenyo epe le fa e le dikgobalo.
Rre Molonda o tlhalosiste fa diphologolo tseo di saila jaana di batla phulo.
Mo pegong ya modualasetilo wa khansele, go boletswe fa dinare tse pedi di bolailwe kwa zone 2c fa e le nngwe e ne ya busediwa kwa zone 16 mme di supa tsa anwa phefo.
E re dikgang di eme jalo, makhanselara mangwe a ne a lela ka tshenyo e e bakilweng ke dipula tse di bokete tsa bosheng mme ba kopa khansele go tsibogela seemo se ba reng ga se jese diwelang.
Ba re e re le ntswa ba lebogela pula ka jaana e okeditse metsi mo nokeng ya Thamalakane e e neng e gomagomediwa ke go kgala, sebe sa phiri ke gore e tlogetse bangwe ba iphotlhere ka ntlha ya merwalela.
Ba ne ba ntsha dikai tsa tshenyo di tshwana le go epega ga ditsela, ba supa fa seemo seo se baya matshelo a badirisi mo diphatseng.
Tshenyo e nngwe ke ya matlo a borutelo le a boroko a barutabana le banni bangwe mo mafelong ka go farologana mo kgaolong.
Makhanselara a ne a amogela pego ka tsoo-pedi ba re e gobokile dikgang tse di botlhokwa tse di buang ka matshelo a batho ba kgaolo.
Mokhanselara wa Etsha 13/Jao, Rre Dikoro Ngunga o ne a isa malebo kwa pusong a re seemo sa go ajwa ga dipilisi tsa di-ARV go tokafetse ka jaana di bonwa ka nako.
A re seo se a itumedisa ka jaana matshelo a batho a tlaa babalesega.
Rre Oabilwe Chombo wa Sankoyo/Shorobe ene o ne a lebogela maiteko a koporase ya metsi a re ba epile didiba di le pedi tse di tlaa rarabololang selelo sa tlhaelo ya metsi mo kgaolong ya gagwe.
O ne a supa matshwenyego ka kokelwana ya Sankoyo a re e nnye mme a batla go itse gore a komiti ya ditlhabololo tsa motse e ka dirisa lenaneo la SHHA go e atolosa.
Bontsi jwa makhanselara bo ne jwa kopa puso go tsibogela bolwetse jwa lethobo jo bo anameng le kgaolo ba re bo tlaa humanegisa barui ka jaana le bolaya leruo.
Ba re le ntswa ba lebogela maiteko a khamphani ya SKL e e neng ya aba ditipi tsa madi a a ka tshwarang P30 000 go lwantsha seemo se, ba re seo ga se a lekana mme ba gatelela gore puso e tshwanetse ya dira sengwe ka jaana seemo seo e le sebetso sa tlholego. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Phuthego ya Khansele
Date : 22 Mar 2017






