Ba Radisele ba tlhophile dikgosi
20 Mar 2017
Banni ba Radisele mo kgaolong ya Legare ba dumalane go tlhopha Rre Phillimon Motswasele go nna kgosi ya bone fa Rre Gomolemo Baoliki go nna mothusa kgosi.
Morafe wa Radisele o tlhophile batho bao ka bobedi mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke bagolo ba motse magosana a motse.
Le ntswa batho bangwe ba ne ba leka go kgoreletsa ditlhopho tseo ka go tsosa medumo ntateng ya go gogela kobo ntlheng ya bone, ba sepodisi sa Radisele ba ne ba bepisa seemo go fitlhelela go tshwarwa ditlhopho tse mo go tsone, Rre Motswasele a tlhophilweng ke batho ba le 234 fa Rre Baoliki a tlhophilwe ke batho ba le 77.
E rile borre Motshanana le Kgaoganang ba ema morafe ka lefoko pele ga phuthego, ba kopa ba-tsaya karolo mo phuthegong eo go itshwara sentle le go dirisa mafoko a a ka sekang a kgobera ba bangwe maikutlo gore tiro e tsamae ka botswerere.
Fa e sale Rre Kakanyo Botoka a ithola bogosi jwa motse oo ngogola go ya go batla mafulo a matalana fa Rre Mokeresete Ntebele ene a ithotse tiro ka bogodi, banni ba Radisele ba ntse ba se na dikgosi mo e bileng ba ne ba bona dithuso kwa Palapye le Mogome.
Le fa batho bangwe ba ne ba eleditse go tlhopha mokhanselara wa pele wa kgaolwana eo, Rre Michael Motshedi, morafe o ne wa ganana le keletso eo ka jaana ba re Rre Motshedi o ne a kopa gore leina la gagwe le sutlhwe mo maineng a a neng a tlhophilwe go emela bogosi ngogola.
Kgosana wa Mmapetlwana Rre Thuto o tlhomamiseditse batho kwa phuthegong eo gore maina a batho ba babedi bao, a tlaa romelwa kwa Palapye kwa e tlaa reng a goroga teng a fetisetswe kwa Serowe go ya go sekasekwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : RADISELE
Event : POTSOLOTSO
Date : 20 Mar 2017






