Breaking News

Monna o fitlhetswe a tlhokafetse a sa apara

29 Dec 2016

Patlo ya malatsi a mabedi ya monna wa dingwaga tse di masome mararo kwa Mosu e feletse ka kutlobotlhoko ka a fitlhetswe a tlhokafetse, e bile a sa apara.

Se se tlhomamisitswe ke Ramapodisi wa Letlhakane, Rre Michael Maphephu.

Rre Maphephu o tlhaloseditse BOPA gore patlo ya monna yo a neng a etetse mmangwanaagwe kwa Mosu e simolotse letsatsi morago ga letsatsi la keresemose mme a bonwa ka letsatsi labobedi morago ga la keresemose.

 O tlhalositse fa monna yo, yo o tlholegang kwa Nata, a dule mo lwapeng ka letsatsi la keresemose a re o ya maitisong ka nako ya borataro maitseboa mme a ela ruri.

Rre Maphephu a re morago ga gore patlo ya gagwe ka morafe e itee se fololetse, ba sepodise ba ne ba bolotsa letsholo la go mmatla letsatsi le le latelang.

A re e rile ba ntse ba le mo motlhaleng wa gagwe ba bona dithini tsa bojalwa tse pedi tse go belaelwang e ne e le tsa gagwe.

Morago ba bona sekausu, sesupanako le borokgwe jwa ka fa teng tse morafe o neng wa tlhomamisa fa e le tsa gagwe.

Ya re ba ntse ba tsamaya ba bona sotara ya gagwe.

Rre Maphephu a re ba ne ba bona monna yoo dikgato di le masome matlhono go tswa fa ba boneng sotara teng a sa apara.

 Fa a bonweng teng ke dikhilomithara di ka nna tharo go tswa mo motseng, fa lefolong le le bidiwang Tswainyane.

O tlhalosetsa fa motlhala wa gagwe o supafala fa a kile a boa kwa lekgadikgading la Mosu.

 A re go ne go se motlhofo go sala motlhala wa gagwe morago ka a ne a emeletse pula ena.

 Rre Maphephu a re go ya ka tebo ya matlho ga ba belaele gore o bolailwe mme ba santse ba emetse gore setopo se thathojwe ke dingaka mo go tseneletseng go bona se se bakileng loso.

O tlhalositse fa ba ise ba bone sekausu se sengwe, ditlhako le borokgwe.

 Mo tiragalong e nngwe, Rre Maphephu a re ba kwadisitse kotsi e mo go yone Toyota Runx e neng ya pitikologa mo tseleng ya Orapa/Francistown go bapa le heke ya Thalamabele letsatsi morago ga keresemose.

 A re bapalami ba koloi eo ba le babedi ba ne ba bona dikgobalo tse dipotlana.

 O kopa bakgweetsi go nna kelotlhoko mo tseleng eo ka e tletse loruo e bile e sa bulega. bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : LETLHAKANE

Event : potsolotso

Date : 29 Dec 2016