Breaking News

Career Dreams e thusa batlhoki kwa Maun

14 Nov 2016

Sekolo se segolwane sa ithutelo tiro tsa bojanala sa Career Dreams kwa Maun se supile fa se gatetse pele mo go thuseng batho ba ba tlhokileng lesego.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, moeteledipele wa sekolo seo, Rre Kenneth Karanja o supile fa ngwaga o o tlang wa 2017, ba tlaa duelela bana ba le barataro go tswa mo Maun, go ithutela tiro ya professional guide, kapei le food and beverages ga mmogo le go ba rekela paka ya sekolo le tse dingwe, mo lebakeng la kgwedi tse thataro, a supa fa tsotlhe tseo di tla lopa P21 000.

Rre Karanja o supile fa maikaelelo a bone a go thusa a tswa kgakala, a tlhalosa fa ka ngwaga wa 2013 ba ne ba thusa bana ba le babedi go tswa kwa Gudigwa, go ithutela dithuto tsa professional guide, tse di lopileng P38 000, go ba tsaya kwa Gudigwa, go ba duelela boroko, dijo, paka ya sekolo ga mmogo le go ba duelela dithuto tseo.

O supile fa ba le motlotlo thata, ka bana bao ba setse ba feditse e bile ba bonye mmereko, selo se a kaileng se thusa mo matshelong a b ba ba tshelang nabo kwa magaeng a bone.

O tsweletse ka go supa fa gape ba thusitse Mme Kgoroemang Mopipi wa kgaolo ya Botshabelo le Mme Mbwe Ndana wa kgaolo ya Senonori mo Maun ka madi a P100 000.

Rre Karanja a re ba thusitse Mme Mopipi ka P75 000 go moagela ntlwana e go rekisetswang mo go yone (tuck shop) le go mo rekela dilwana tse a direkisang, selo se a kaileng fa se thusitse thata. 

A re go supa fa ba kgonne go bona letlhoko la ga Mme Mopipi ka thuso ya ngwana wa gagwe yo le ene ileng a thusiwa ka lenaneo le le thusang banana go tsena sekolo. 

Ngwana yo, e rile a fetsa a bona tiro kwa Thuli Block, ka jalo a kopa sekolo go mothusa go tlhokomela mmaagwe yo ka nako eo a ne a sena fa a latsang tlhogo teng.

O supile fa Mme Ndana wa Senonori yo o dingwaga di masome a roba bongwe le bobedi, a thusitswe ka P25 000 go mo agela ntlo ya kamore e le nngwe morago ga gore ba bone a sena fa a latsang tlhogo teng.

Fa a ntsha la gagwe, Mme Mopipi a re o motlotlo ka sekolo sa Career Dreams, go bo se mo file seriti se se kalo, ka go mo agela ntlo ya borobalo le semausu ba bo ba morekela dilwana tse a simolotseng ka tsone.

A re one a sena se a ka se dirang ka nosi e bile a sa kgone le gone go bereka mme a tshela ka go lema.

Mme Mopipi a re ka semausu sa gagwe o kgonne go bona mmaraka wa go rekisetsa sekolo se sebotlana sa Boyei borotho, a re o apaya marotho a le 540 mme a rekise P3.50 bo le bongwe mo lebakeng la kgwedi tse nne.

A re o kgonne go ipolokela madi go tswa mo tiro eo, a re o leboga Rre Karanja ka go bona fa le ene e le motho. 

O tsweletse ka go supa gape fa sekolo sa Career Dreams se mo ageletse motse wa gagwe ka terata. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : KeswetsengSamokunda

Location : Maun

Event : Potsolotso

Date : 14 Nov 2016