Lenyalo le a ilelwa
13 Nov 2016
Mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Serowe, Rre Onalenna Daniel, o gakolotse banyalani go tshegetsa manyalo a bone.
A re go a tshwenya gore le ntswa batho ba tsena mo nyalong ka dipalo tse di kwa godimo, dipalo tsa tlhalano le tsone di kwa godimo.
O buile se bosheng fa a ne a ikanisa banyalani kwa Serowe.
“Go a tshwenya go bona lesatsi jeno le itumetse ebo e re morago ga dibeke tse tharo le bo le kgaogana,” Rre Daniel a tlhalosa.
Molaodi o tlhalositse gore batho ba tsena mo nyalong ka maikaelelo a a farologaneng, a re se se bakwa ke gore banyalani ga ba nne le sebaka sa gore ba ithutane pele ba nyalana.
O supile gore mo sebakeng sa dibeke tse pedi o nyadisitse banyalani ba le masome a supa le bobedi.
A re maikaelelo a banyalani botlhe ka nako ya fa ba nyalana go a bonala gore ba nyoretswe go nna le malwapa, mme a re go tlhoka boammaruri le therisanyo ke kgwetlho mo malapeng a segompieno.
Rre Daniel a re mo gongwe batho ba lobelana dikgang tse di bokete jaaka bana pele ba tsena manyalo, e re morago fa mongwe wa bobedi joo a utlwa dikgang tseo kubetsano e bo e simolola. O ne a kgothatsa banyalani go tlotlana ka seo se ka ba thusa go tshegetsa manyalo a bone.
Mo potsolotsong, mongwe wa banyalani ba ba kileng ba nyala go pele Rre Gasewarona Phiri wa Mabeleapudi a re o ne a tshela ka go kubetsana le mosadi wa gagwe wa pele mme seo sa baka gore ba kgaogane.
O tlhalositse gore faesale a kgaogana le mosadi wa gagwe ke gone a neng a tsaya tshwetso ya go nyala morago ga dingwaga tse di masome a mabedi.
A re bana ba mosadi wa pele o ba lekodisitse ka nyalo e a tsenang mo go yone e bile ba e amogetse.
Rre Phiri a re o ne a dira jalo gore ba seka ba tlhoka kutlwano le mosadi wa gagwe. Mme Lorato Gasenna yo a neng a tsena mo nyalong le Rre Phiri o ne a supa gore le ene bana ba gagwe o ba lekodisitse ka nyalo e, e bile ga go sepe se a se fitlhelang monna wa gagwe jaaka ba nyalana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onkutule Selathwa
Location : SEROWE
Event : manyalo
Date : 13 Nov 2016






