Lore lo ojwa lo sa le metsi - Mmusi
13 Nov 2016
Mmaboipelego yo mogolwane wa Kweneng, Mme Dineo Segobai a re kgodiso ya ngwana go tswa bonnyeng ke yone e kayang se ngwana a tlaa nnang sone magolong a gagwe.
E rile a buisa batsadi ba baithuti ba sekole se sebotlana sa Kgosi Neal Sechele kwa Molepolole bosheng, Mme Segobai a tlhalosa fa kgodiso ya ngwana ka manontlhotlho e tshwanetse go simologa fa mme a santse a itsholofetse.
O tlhalositse fa ngwana a aga setho sa gagwe sa sennela ruri fela fa a sena go tsholwa go fitlhelela a le dingwaga di nne.
A re mo sebakeng se, go botlhokwa gore batsadi ka bobedi ba bo ba le teng go thusa ngwana go ikaga.
Mme Segobai o tlhalosa fa kagego ya ngwana ya setho e angwa segolo bogolo ke maikutlo a gagwe, mme a rotloetsa batsadi go netefatsa fa maikutlo a ngwana a sa kgoberege kgapetsakgapetsa.
O boletse fa go na le dilo di le dintsi tse di amang bana tse e reng mo kgolong ya bone di bake di-tla morago di tshwana le go tlhoka tsebe.
Mme Segobai o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go tlhalosetsa ngwana dilo tse di diragalang mo tikologong ya gagwe go lebeletswe seemo sa thaloganyo ya ngwana gore a o ka di tlhaloganya.
A re se se ka itsa gore bana ba itseele ditshwetso tse e seng tsone ka ditiragalo tsa tikologo ya bone.
A re sengwe le sengwe se motsadi a se dirang letsatsi le letsatsi se ama ngwana mme a ntsha kgakololo ya gore batsadi ba seka ba ntshetsa manokonoko a dikgwetlho tsa botshelo mo baneng.
A re batsadi ba tshwanetse go tlhokomela le go laola tse bana ba di lebelelang mo ditshwantshong tsa motshikhinyego ka jaana dilo tse di ka agolola ngwana di mo dire se batsadi ba neng ba sa se solofela.
O kgothaditse batsadi go itse bana ba bone, go inaakanya le barutabana e le tsela ya go tsenya bana moko mo thutong le go tsibogela dikgatlhego tsa bana go le botlhoko kana go le monate.
Molaodi wa kgaolo ya Kweneng, Dr Temba Mmusi o ne a kgala go titielwa ga majalwa a setso mo malwapeng a go nang le bana ba sekole mo go one.
Dr Mmusi a re se se dira gore bana ba felele ba ithuta boitsholo jo bo sa siamang ka ba bo bona mo banwing.
O ne a kopa batsadi go ema ka dinao go tshwaraganela bana le barutabana gore ba alafe seemo se ise se kekele.
Dr Mmusi a re batsadi ba tshwanetse go emele ka dinao dilo di tshwana le go ratana ka bong bo le bongwe kwa malwapeng mme ba rute bana tsamaiso ya setso ya go aga motse e mo go yone monna a nyalang mosadi.
O kgadile gape batsadi ba a reng ba dirisa bana botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo mme a re ke nako gore go emisiwe go bipa mpa ka mabele batsadi ba ba dirang jalo ba ntshediwe mo pontsheng ba tseelwe dikgato. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : MOLEPOLOLE
Event : bokopano
Date : 13 Nov 2016






