Breaking News

Kgosi Masilo o bolokilwe

01 Nov 2016

Mothusa kgosi ya Bobonong, Kgosi Adam Masilo, o bolokilwe kwa Bobonong ka kgwedi ya Phalane e le boferabongwe ka Matlhatso.


Kgosi Masilo o tlhokafetse kgwedi ya Phalane e le lesome le boferabobedi morago ga go lwala ka lebaka.


 Mothusa motshwarelela bogosi jwa Bangwato, Kgosi Serogola Seretse o rotloeditse Babirwa go tswelela ba tshwaragane mme dikgang tsa tharabololo ya bone ya bogosi di tlaa rarabololwa ke ba ba maleba.


E rile fa a bua mo boemong jwa dikgosi tsa Bobonong, mothusa kgosi ya Babirwa Kgosi Dimakatso Patane, a bolela fa Kgosi Masilo a tlhokafetse a tshegeditse maemo a Sub Tribal Authority mo kgotleng kgolo ya Bobonong.


A re kgosi ene e le motho yo o lorato, a rata Modimo e bile a itse go bereka sentle le morafe.


Malomaagwe Kgosi Masilo, Rre Obert Moreba o tlhalositse fa Kgosi Masilo e le mongwe wa dikgosi tse di diretseng lefatshe la Botswana ka botswerere le boineelo fela thata.


O boletse fa Kgosi Masilo a kile a dira e le mokgweetsi wa dikatakata kwa moepong wa Tati ka ngwaga wa 1994.


A re morago ga moo o ne ya go thapiwa kwa khanseleng ya Selebi Phikwe  ka ngwaga wa 2004 e le mokgweetsi wa dikatakata.


O tlhalositse fa e ne ya re ka ngwaga wa 2006, Kgosi Masilo a tlogela tiro, mme ya re ka ngwaga wa 2007 a tlhomiwa go nna mothusa Kgosi ya Babirwa mo kgotleng kgolo ya Bobonong.


Rre Israel Tebelelo o tlhalositse fa a godile le Kgosi Masilo e le ditsala tse ditona e bile ba ne ba nna botlhe nako e ba neng ba batla ditiro kwa toropong ya Selebi Phikwe.


O boletse fa kgosi Masilo ene ele motho yoo lorato e bile bane ba tshela ka go emana nokeng ka nako tsotlhe fa yo mongwe a thagelwa ke mathata.


Mogolwane wa makgoktla a Setswana, Rre Tumelo Seboko o tlhalositse fa Kgosi Masilo a ne a direla morafe wa gagwe ka bokgabane.


O ne a supa leso la gagwe e le tatlhegelo e kgolo thata mo setshabeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : BOBONONG

Event : PHITLHO

Date : 01 Nov 2016