Breaking News

Kokelo le komiti ya botsogo di aba dihutshe

31 Oct 2016

Mowa wa neelano le lerato o ka tokafatsa matshelo ga mmogo le go fa seriti ba ba tlhokileng lesego.


Kokelwana ya Kudumatse le komiti ya tsa botsogo kwa Kudumatse mo kgaolong-potlana ya Mahalapye ba abetse ba-na-le-bogole le bagodi dihutshe go itshireletsa mo letsatsing.


E rile a bua kwa kabo dimpho eo bosheng,  modiri wa kokelo eo, Mme Lepi Moatshe a re maikaelelo a bone ke go re le bone ba nne le seabe mo go diragatseng lengwe la motshego a tebelopele ya setshaba la setshaba se se kutlwelo botlhoko e bile e kgathala.


Mme Moatshe o boletse fa ba ne ba kgobokanya madi mme ba kgona go reka dihutshe tseo.


A re ba abetse banna ba le batlhano le bomme ba le batlhano ka jalo ba ba amogetseng dimpho tseo ba lesome.

A re e le ba botsogo ga ba a itebaganya fela le go alafa batho fela, a tlatsa ka gore le bone ba na le mowa wa go abela ba ba alafang.


A re gape dihutshe tse di tlaa ba thusa thata mo letsatsing ka mogote o le kwa godimo mo pakeng eno mo go ka amang botsogo jwa bone.


“Jaanong le sireletsegile mo letsatsing bagolo,” a tlhalosa.


O ne a ba kopa go nwa metsi a mantsi le go nna mo meriting nako e ntsi. E re go ntse jalo,o tswelela a tlhalosa a re puso ga e kake ya kgona e le nosi go thusa  setshaba,a tlatsa ka gore jaaanong go mo maruding a setshaba go thusa.


O ne a bua ka boitumelo a re babereki le komiti ya botsogo ba dirile tiro e ntle e e tsisang seriti le boitumelo mo bathong mme a supa fa ba tlaa tswelela ba thusa ba ba tlhokileng lesego.


A re o kopa ba bangwe go tsibogela dilelo tsa ba ba tlhokang ka go ba abela se ba ka se kgonang ka gotwe sejo sennye ga se fete molomo.


Fa a tlhalosa, Mme Moatshe a re mpho nngwe le nngwe e amogelwa kwa legodimong go sa kgathalesege gore e bonnye kana e botona bokae ka jalo a rotloetsa Batswana ba bangwe lefatshe ka bophara go tswelela ba aba.


Mme Moatshe o ne a rotloetsa ba komiti ya tsa botsogo ya Kudumatse go tswelela ba bereka le badiri ba kokelo go netefetsa fa banni ba akola ditirelo tsa botsogo ka dinako tsotlhe.


Fa ba tswa la bone ba ba amogetseng dimpho ba re go sego ba ba abang ka ba tlaa segofadiwa.


Ba re dihutshe tseo di tlaa ba thusa thata mo diemong tsa loapi le le sa iketlang jaaka mogote o o kwa godimo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ogomoditse Johannes

Location : KUDUMATSE

Event : Kabo dimpho

Date : 31 Oct 2016