Breaking News

MVA e isa ditlamelo kwa bathong

31 Oct 2016

 Banni ba Tlhareseleele kwa kgaolong ya Borolong ba lebogetse Motor Vehicle Accident Fund (MVA) go ba tsisetsa ditlamelo.


E rile ba bua mo potsolotsong bosheng, ba bolela fa mo loetong lwa MVA, ba kgonne go tlhaloganya go le gontsi ka mananeo a lekalana leo ka ba ntse ba le mo lefifing.


Ba tsweletse ka go tlhalosa fa ba na le kgwetlho e tona ya go bona ditlamelo le dithuso tsa MVA ka ba sena madi le ditlamelo go ya go batla dithuso kwa Gaborone.


Ba re go na le banni ba ba amilweng ke dikotsi tsa tsela mme ba sena kitso ya gore ba ka bona dithuso jang kwa lekalaneng le. Ba tlhalositse fa ba ne ba tsaya gore ke madi a a adimiwang morago a busiwe, mme jaanong ba tlhalogantse e bile ba rotloetsa MVA go tswelela ba dira tiro e ntle e ba e dirang.


Monni mongwe wa motse o, Mme Sellwane Letshikhoana, o tlhalositse fa a ne a digiwa ke koloi ka Phatwe ngwaga o o fetileng teng mo Tlhareseleele mme a tlhoka kitso ya gore a le fa kotsi e diragaletse mo motseng o o tshwanang le o, e ka amogelwa ke  MVA.


A re o ntse a kgathologile fela go fitlhela MVA e ba tsisetsa ditlamelo, e bile a thusitswe ka lorato ka a filwe pampiri ya ikopelo dithuso go ya go e tlatsa.


O tsweletse ka go galaletsa MVA ka go mo fa thuso e a neng a sa e itse e bile a sa e solofela kwa ntle ga matsapa ape.


“Ke ne ke tsaya gore ke kotsinyana fela, mme ke ithutile gore mongwe le mongwe yo o amiwang ke kotsi ya tsela o tlamega go ya go botsa le go kopa thuso kwa MVA”, ga bua Mme Letshikhoana.


Mme Bohiswa Modiehe ene a re o latlhegetswe ke ngwana a sena go thulwa ke koloi ka Lwetse ngwaga e e fetileng, mme ka mabaka a bokowa le letlhoko la madi, o ne a palelwa ke go etela dikantoro tsa MVA kwa ditoropong.


A re ke maiteko a magolo a MVA go tsisa ditlamelo mo motseng o, ka a kgonne go bona dithuso go sena matsapa le dingalo tse dintsi.


E rile a tswa la gagwe mmereki yo o fang ditlamelo tsa MVA Rre Michael Molebo, a tlhalosa fa lenaneo la go isa ditlamelo tsa bone kwa metseng e e kgakala, le simolotse ka ngwaga wa 2013 ba sena go itemogela fa banni ba ba kgakala ba tlhaela kitso ka dithuso le ditlamelo tsa MVA mme ba ntse ba amiwa ke dikotsi mo metseng ya bone.


O tlhalositse fa batho ba diegela go ya go bona ba MVA morago ga go amega mo dikotsing mme ba tsiboga morago ga dingwaga tse di beilweng ke MVA tse tharo ka mabaka a go tlhoka kitso. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Randy Kgosinkwe

Location : TLHARESELEELE

Event : interview

Date : 31 Oct 2016