Breaking News

Molemi o kgala meila ya masimo

31 Oct 2016

Balemi mo kgaolong ya Tonota ba gakolotswe go fedisa meila ya go tsena mo masimong fa ba lemile.


Rrakgwebo mongwe mo go tsa temo-thuo, Rre  Mmati Mochabo o buile jalo kwa letsatsing la theko le thekiso le le neng le rulagantswe ke ba Lephata la temo-thuo ka Labone kwa Tonota.


O supile fa temo-thuo e le motswedi wa Motswana mongwe le mongwe, a tlatsa ka gore mekoti e a tswala jaanong se se raya gore batho ba tshwaragane mo go tsa temo-thuo go ntsha dijo tse di lekaneng.


Rre Mochabo o kgadile kgang ya meila mo masimong a re dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe.

A re fela fa balemi ba dira mmogo ba ka ya kgakala mo go tsotlhe.

A re balemi gore ba gole ba tshwanetse go tsaya malebela mo go ba bangwe e seng gore ba re masimo ga a ralalwe, kana ga go tswenwe mo tshimong fa go lengwa.


Rre Mochabo o tlhalositse gore balemi fa ba kgobokane e bile ba le pelo e le nngwe ba ka fenya dikghwetlho tsa temo.


O lebogetse balemi go tsaya kgato a re theko le thekiso ke moomo o montle o ba ka o dirisang go ya pele.


Le fa go ntse jalo, o tlhalositse gape gore batho ga ba lekane e se meno, mme  jaanong go tswela kwa ntle go ithekisa ke gone go intsha kwa morago gore motho a bonwe mo setshabeng.


Rre Mochabo o boleletse balemi gore e re le ntswa puso e thusa thata mo go tsa temo-thuo jaanong go mo maruding a  balemi go ikemela ka dinao go ithekela dipeo fa ba santse ba letile gore ba tle ba kgone go tshwara bokgola jwa dipula tsa ntlha.

Letsatsi le ne ke ketekwa ka setlhogo se se seng Ipapatso  Pilara  Konokono ya Kgwebo e e Itshetletseng.


Modulasetilo wa komiti ya banana, Rre Goitseone Gafhiwe a re setlhogo seo se maleba ka jaana se se rotloetsa balemi-barui ba motia go dira ka natla go jesa lefatshe leno.


Rre Gafhiwe o tlhalositse fa morafe wa Tonota o ikaegile ka balemi ba one le mororo a ba rotloetsa gore ba tshwaragane ka go dira botsalano go ya go ile. A re letsatsi leo ke la go tla go abelana maele, go tsaya malebela le go oketsa methale e e faphegileng ya go ntsha dijo tse di lekaneng.


O kopile  morafe gore masimo a a sa dirisiweng a seka a jewa ke naga, mme ba itshwaraganye le balemi kana ba a adime ba ba kgonang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : TONOTA

Event : interview

Date : 31 Oct 2016