Breaking News

Mananeo a thusa ba Kalamare

31 Oct 2016

 Lenaneo la nyeletso lehuma le amogetswe ka matsogo oo mabedi kwa Kalamare kwa kgaolo potlaneng ya Mahalapye.


Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, Kgosi Goareng Mosinyi o boletse fa lenaneo le tsibogetswe ka dipalo tse di kwa godimo, bogolo jang la LIMID.


O boletse fa go na le banni ba le babedi ba ba thusitsweng ka LIMID ba ba atlegileng mo dihutshaneng.


O tlhalosa gore mananeo a mangwe a a amogetsweng sentle ke la Tirelo Setshaba le la madi a banana la YDF.


Kgosi Mosinyi o tlhalositse fa kgwetlho e tona e e lebaneng mananeo e le gore bodiredi jwa maphata a a okametseng mananeo ao ga a tsenye leitlho thata mo bathong ba ba thusiwang mme ba felela ba sa atlega.


Kgosi o boletse gore e re ntswa ditlhabololo go seke go twe di lekane, bonnyennyane jo ba nang le jone bo a ba kgotsofatsa.


O kaile fa a itumelela gore terata e e kgaoganyang mafulo le masimo e simolotse go agwa, e bile e tlaa godisa temo mo Kalamare, motse o o ikaegileng ka temo-thuo.


Kgosi o ne gape a tlhalosa gore Kalamare o tlaa gola ka gore mo bogautshwaneng go tlaa tswa ditsha di feta makgolo a le mane tsa mabala, bonno le matlo a badirelapuso.


Fa a tswa la gagwe, mothusa kgosi,  Rre Godiramang Segotso o tlhalositse fa seemo sa metsi se tokafetse e bile babereki ba lephata la metsi ba tsibogela dipego fa diphaephe di thubegile.


Rre Segotso o ne gape a supa boitumelo gore motlakase ga o sa tlhole o kgaoga kgapetsakgapetsa.


Le fa go ntse jalo, Rre Segotso o supile fa tlhabologo ya konokono e ba e batlang mo motseng e le tokafatso ya maranyane a ditlhaeletsano.


O kaile fa boleng jwa inthanete bo le kwa tlase gape e bonwa kwa Kalamare Junior Secondary School le motlobo wa dibuka fela mme banni ba sa kgone go gokelela maranyane ao mo malwapeng a bone.


Mo go tse dingwe, Rre Segotso o boletse fa ba lebanwe ke kgwetlho ya banana ba ba itontelang majalwa a Setswana le a sesha, seemo se a boletse fa se bakwa ke gore banana ba nna fela mo malwapeng ga bana ditiro.


O ne a konotelela ka go rotloetsa morafe go ntsha loruo mo motseng ka gore lo senya dipompo gape lo ja dijalo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Phidson Mojokeri

Location : KALAMARE

Event : interview

Date : 31 Oct 2016