Breaking News

Tlabadi o lebogela dithuso

31 Oct 2016

E re ka puso e dirile mananeo a le mantsi go namola Batswana mo letlhokong, Batswana ba tsweletse ka go akola mananeo a mme bangwe ba supile fa a na le bokamoso fa sengwe le sengwe se dirwa sentle.


Mme Babui Tlabadi wa Leshibitse o supile fa tante e a e filweng ke ba nyeletso lehuma e ne e ka mmusetsa go menagane mathata e nnile gore a bo a fiwa tante e tona mme ditilo le ditafole di le palo e e ko tlase.


 A re o itse sentle gore kgwebo ya ditante e a busetsa mo go nametsang pelo mme fa batho ba mo laletsa go tla go ba thusa, o felela a palelwa ka gore didirisiwa di a tlhaela.


Mme Tlabadi a re mathata a matona a tante ya gagwe ke go tlhaelelwa ke didirisiwa mme ka jalo dilo ga di mo tsamaele sentle ka o felela a latlhegelwa ke ditiro tse di neng di ka mo fa madi go itshetsa.


O supile fa tiro ya gagwe a e rata ka pelo ya gagwe yotlhe mme fela a palediswa ke gore ga a kgone go thusa batho ka fa a batlang ka teng.


A re o ne a kopana le ba nyeletso lehuma go kopa thuso mme ba ne ba mo lemotsha fa bone ba mo thusitse mme jaanong go le mo maruding a gagwe go ithusa.


Mme Tlabadi a re sengwe sa dilo tse di mo ketefalelang le go feta ke letlhoko la sepalamo go isa tante kwa e batliwang teng.


 O supile fa se se mo ketefaletsa tiro ya gagwe bogolo jang ka go le turu go hira koloi e e ka mo thusang le gone go duela babereki ba ba phuthololang tante eo.


O ne a tlatsa ka gore o na le tsholofelo ya gore letsatsi lengwe o tlaa kgona go fitlhelela toro ya gagwe go thusa setshaba ka ditante go sa tlhaele sepe.


Mme Tlabadi a re gantsi o thusiwa ke maphata a puso go dira madi fa go na le mediro mme a supa fa ba sa dumalane le ditlhwatlhwa tsa gagwe mo a felelang a dirisa tse di kwa tlase gore a seka a nna fela.


A re morafe wa Leshibitse ga o mo fe thotloetso e e kalo mme a ba kopa gore ba mo fe ditiro tsa mo motseng gore a tle a kgone go gola le gone go dira letseno la madi.


Mme Tlabadi a re o ne a filwe tante e e ka tsenyang batho ba le makgolo a mabedi, ditilo di le 50 le matsela a tsone, maswana a le 50 le diforoko tsa teng le ditafole di le thataro le matsela a tsone le dijana di le 50.


E ntse e le mo motseng wa Leshibitse, Mme Nicola Seilane yo ene a filweng lenaneo la dikoko a re o tswa kagakala a rata dikoko tsa Setswana mme lenaneo le le mo thusitse fela thata.


 A re e re le ntswa a ne a latlhegelwa ke dikoko tseo ntateng ya bolwetse ngwaga o o fetileng o simolotse go kokotletsa gape.


Mme Seilane a re o simolotse ka dikoko tse dinamagadi di le 21 le tse ditonanyana di le 4 mme morago ga bolwetse jwa leroborobo o ne a sala a iphotlhere.


A re le fa go ntse jalo ka gore o na le lorato la go rua dikoko ga a kitla a itlhoboga ka jaana dikoko tse a nang le tsone di simolotse go thuba mme o solofela kgolo e tona.


Mme Seilane o ne a supa fa a dumela gore o tlaa boela mo seemong sele sa ntlha bogolo jang ka gore dikoko tsa Setswana di na le madi.


 A re le fa tsone di se bogadi bo gaufi ka jaana di sa godisiwe sekgoa mme ko phelelong motho o kgona go bona madi a go itshetsa.


A re le fa thotloetso e le kwa tlase mo bareking bogolo jang mo motseng, mme motho o ka bona botshelo jo bo botoka ka thuo ya dikoko tsa Setswana. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : LESHIBITSE

Event : Kgotla Meeting

Date : 31 Oct 2016