Breaking News

Tlotlang kgotla-Maele

05 Oct 2016

Tona wa tlhokomelo tikologo, metsi le ditirelo tsa kgopho leswe Rre Prince Maele o kopile banni ba motse wa Malaka mo kgaolong ya Tswapong go tlotla kgotla.
Fa a buisa phuthego ya kgotla ko Malaka ka Labobedi, Rre Maele yo gape a leng mopalamente wa kgaolo a re kgotla ke yone e morafe o kopanang teng go bua ka ditlhabololo tsa motse le mopalamente wa bone ka jalo ga go a tshwanela gore go buiwe sepolotiki mo go yone.
A re dikgang tsa sepolotiki ga di buelwe mo kgotleng ka gore kgotla ke lefelo le le akaretsang Motswana mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore ke wa phathi efe.
A re ka jalo go botlhokwa gore morafe bogolo jang banana ba tlotle lefelo la kgotla.
Rre Maele yo e bileng e le mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala a re mokgwa wa go kgala megopolo ya ba bangwe mo kgotleng ke selo sa maloba mme go botlhokwa gore mo nakong e morafe o thusane le mopalamente wa bone go tla ka megopolo e e tlaa tokafatsang matshelo a batho ba Malaka le go tsisa ditlhabololo.
A re kgotla mo nakong ya gompieno ke lefelo la thuto, le morafe le mopalamente ba rutanang ka ditlhabololo tsa lefatshe leno, ba bo ba tswa ka megopolo e e tlaa isang motse ko pele.
Mo go tse dingwe Rre Maele o ile a tlhalosetsa banni ba Malaka ka melao e e fetisitsweng ko palamenteng e fetileng jaaka molao wa ditlhopho.
A re molao o o ile wa fetola tsamaiso ya ditlhopho e ntseng e dirisiwa ya go dirisa dipampiri tsa tlhopho mme jaanong go tlaa bo go dirisiwa machine go tlhopha.
A re mochine o o tlaa thusa go fefosa ditlhopho le go ntsha maduo mo nakong e khutshwane go na le lantlha mo go neng go tsaya malatsi go bona maduo.
A re mochine o o dirisiwa gape ko Namibia mme o dirilwe ke kompone nngwe ko lefatsheng la India.
A re mapalamente ba ile ba tsaya leeto go ya Namibia le India go tlhotlhomisa ka boleng ja mochine o mme go supagetse fa ba ile ba o kgotsofalela.
A re le fa go ntse jalo e rile ko morago mapalamente mangwe ba supa fa ba sa kgotsofadiwe ke mochine o.
Fa a tswa la gagwe Kgosi Dikakanyo Otukile wa Malaka o lebogile Rre Maele go bo a ile a thusa motse wa bone ka madi a boipuso, a re morafe wa Malaka o jele boipuso ka boitumelo le kagiso go sena bothata bope.
Rre Maele o ile a fa kgaolo ya gagwe madi a kanang ka P32 000.
Le fa go ntse jalo Kgosi Otukile o ile a lela ka borukutlhi a re bo ile magoletsa mo motseng wa gagwe.
O ile a kopa go okelediwa mapodisi ka gore motse wa Malaka o na le lepodisi le lengwe fela ntswa motse o le motona e bile o na le borukutlhi jo bo ko godimo.
Fa a tswa la gagwe molaodi wa Palapye Rre Enerst Phiri o boletse fa letlole la Malaka le setse le kwadisitswe ka fa molaong.
A re tiro e e tsileng go dirwa ke ba lephata la metlobo ya ntlo ya ditso e ya go thusa banni ba Malaka go bona ditiro le go tsisa kgwebo mo go ba ba nang le dikgwebo.
A re didirisiwa tse di tlhokegang di tlaa rekiwa mo bagwebing ba motse wa Malaka mme fa di seyo ke gone go ka rekiwang ko ntle.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : MALAKA

Event : Kgotla Meeting

Date : 05 Oct 2016