Motshikiri ke teemane
04 Oct 2016
Bojang ja motshikhiri ga bo bonwe gongwe le gongwe mo Botswana mme mo motseng wa Dibete o fitlhela mekoakoa ya dirala fa tlase ga tsela ya A1.
Mo potsolosong le BOPA bosheng, bangwe ba barekisi ba bojang jo ba tlhalositse fa bojang jo ja motshikhiri bo na le dipoelo tse di nametsang e bile ba kgona go itshetsa le go tlhokomela malwapa a bone.
Mongwe wa bone, Mme Patricia Letsibogo go tswa Mahalapye o tlhalositse fa a sale a inaakantse le go kgetla bojang jo mme e bile a kgona go rekela bana se ba se tlhokang.
Mme Letsibogo o tlhalositse fa a diretse bojang jo a bo kgetlang teseletso ko lephateng la dikgwa, a tlatsa ka gore teseletso ya go kgetlela go rekisa e lopa masome a matlhano a dipula mme go kgetlela go bo dirisa fela mo lwapeng teseletso ya teng e le dipula tse pedi.
O ne a tlhalosa gore ka e bile a sa tswe mo Dibete a tsile fela ka go kgetla bojang o ikaelela go inaakanya le jone go ya pele ka go na le botshelo mo go jone.
E rile go lemoga bomosola ja teemane e e fitlhelwang mo motseng wa bone banni ba Dibete ba bona go tshwanela gore ba bofe ditlhako ba kwadise koporase ka ngwaga wa 2014 mme ba e bitsa Dibete Grass Harvesters Multipurpose Co-operative Society Limited.
Go ya ka modulasetilo wa koporase e, Mme Kekgopye Nnopi a re koporase e ya bone e simolotse go bereka ngwaga o o fetileng ba sena go bona dithuso tsa madi go tswa kwa pusong.
Mme Nnopi o ne a tlhalosa gore paka ya go kgetla bojang e tsaya dikgwedi tse tharo, go simolola ka kgwedi ya Phukwi go fitlhela ya Phalane, a tlatsa ka gore go simolola ka Phukwi go a bo go letetswe bojang jo gore bo butswe.
O boletse fa maikaelelo a koporase evle go nna le maloko avle lekgolo mme Motswana mongwe le mongwe fela yo o nang le kgatlhego go ka nna leloko o a amogelesega.
A re mo koporaseng e ya bone, ga ba a itebaganya fela le go rekisa bojang mme maikaelelo ke go dira dipe fela didirisiwa tse di ka dirwang ka bojang jo.
Mongwe wa leloko la koporase e, e bile e le mokgetli wa bojang jo Rre Osupile Mapaki wa motse wa Dibete o ne a lebogela koporase e fela thata ka e bile e ba tswa thuso e le bagwebi ba bojang.
Rre Mapaki a re go nna leloko la koporase ga go tlhoke sepe fela se sentsi, a re motho o tlhokana fela le dipula di le masome a matlhano go ikwadisa le dipula di ka nna makgolo a mabedi go reka diabe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moleleki Tsholofetso
Location : DIBETE
Event : interview
Date : 04 Oct 2016






