Breaking News

Ditshegwane o itumeletse boipuso

30 Sep 2016

 Batswana ba tshwanetse go leboga Modimo ka tshireletso le kagiso e a ba e fileng mo dingwageng tse di masome matlhano tsa boipuso.

Mafoko a, a boilwe ke kgosi ya Ditshegwane Kgosi Stephen Morwaanare, fa a amogela baeng ka letsatsasi la Boipuso.

Kgosi o lebogetse seabe sa banana ba Ditshegwane  gore boipuso jwa motse oo bo atlege, a tlhalosa fa ba sa le ba supile gore ba na le bone le ntswa ba berekela kgakala, a bo a tlhalosa fa ba ntshitse kgomo e le seabe sa bone.

Kwa Sesung, kgosi Tumiso Tsietso, o ne a supa fa dikgosi tse tharo tsa lefatshe leno, di ne tsa ya go kopa boipuso kwa ga Mmmamosadinyana.

A re fa ba gola ba ne ba itse gore motse o o neng o bonala e ne e le wa Molepolole kwa kgaolong ya Kweneng, mme e mengwe  e ne ele mennye fela thata.

Kwa Letlhakeng  Rre Dikago Mothupi, o ne a tlhalosa gore pele ga boipuso go ne go sena ditlhabololo dipe kwa motseng oo, mme go ne go na le kereke ya Lontone e mo nakong eno e bidiwang U.C.C.S.A,  ntlo e go kalelwang bana kwa go yone kwa kokelwaneng le ofisi e nnye kwa kampeng ya mapodisi.

Rre Mothupi o tlhalositse fa go ne go nowa metsi kwa Sedibeng sa Mmatoute mme go sena ditsela gotlhelele.

O ne a re go tswaya mosepele go tswela kwa Motokwe e ne ele matsapa ka ntlha ya gore go ne go tsaya malatsi gore motho a goroge koo.

Rre Mothupi o tlhalositse fa tautona wa gompieno Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama, a kopile Batswana go tshwaragana ba tsweledise se batsadi ba bone ba se tlogetseng, a supa fa go ka nna maswe thata fa bao ba ba setseng ba ka palelwa ke go tsweledisa se batsadi ba bone ba se dirileng.

Batswana ba ne ba tshologetse kwa dikgotleng ka dipalo go ipelela boipuso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Letsatsi la go ipelela boipuso

Date : 30 Sep 2016