Breaking News

mmelaelwa o hudilwe ke mapodise

26 Sep 2016

Mmelaelwa mo melatong ya bogodu jwa leruo e le lesome le bone le o le mongwe wa polao ya motho mo kgaolong ya Kweneng o hudilwe ke mapodise a leka go iphalotsa ka dinama tsa dikgomo tse di tswerweng mo koloing e a neng a e kgweetsa kwa masimong a Majatshipa.

Mogolwane wa mapodise a Molepolole Superintendent Charles Mbengwa a re, rre yo, o hudilwe ka marumo a thagiso morago ga go gana go obamela ditaelo tsa mapodise gaufi le fa go belaelwang a ne a pegela dinama teng.

Tiragalo eo, ya makuku a moso wa Labobedi (Lwetse a le 20) go tlhalosiwa e tlogetse mmelaelwa ka dikgobalo mo leotong la molema tse a di alafelwang kwa kokelong ya Princess Marina.

Rre Mbengwa o tlhalositse gore, ntswa mapodise a ne a hula marumo a tlhagiso pele, mmelaelwa o ne a seka a tsaya tsia ka a ne a felela a tshosetsa mapodise ka sengwe se se bogale go fitlha a gobadiwa mo lengoleng la molema.

Mmelaelwa wa bobedi ene o ne a rolelwa mapodisi a Molepolole ke banni ba Medie.

Rre Mbengwa a re dinama tsa dikgomo tseo di neetswe Rre Segadimo Ketlhaetse yo eleng mong wa tsone wa masimo a Dikolakolane. O kaile fa mo dikgomong dingwe tse di neng di tlhatlhetswe, di ferabobedi e le tsa ga Rre Ketlhaetse.

Le fa gontse jalo, mogolwane wa mapodise Superintendent Mbengwa a re o tlhaloganya selelo sa barui ka go gololwa gangwe le gape ga mmelaelwa ke makgotla a ditsheko, seemo se a reng ga ba na taolo mo go sone ka jaana ba tlamega go obamela ditaelo tsa makgotla a ditsheko.

Dingwe tsa dikgang tse di fa pele ga makgotla a ditsheko a ga mmakaseterata mo Molepolole di amana le mmelaelwa ke ya dikgomo di le 57 tse mmelaelwa a neng a tshwarwa ka tsone letsatsi morago ga keresemose kwa masimong a Dikolakolane le dipodi di feta makgolo a ferabongwe (90) tse aneng a tshwarwa ka tsone gone kwa kgaolong eo.

Kwa lefelong la tiragalo, lekalana la BOPA le fitlhetse mapodise ba rwala mekowakowa ya ditlhako tsa dikgomo di ka tshwara masome a matlhano. Go ne go na le moraka wa dikgomo di ka feta lekgolo di tlhatlhetswe mo tshimong gape go na le matlalo a a tsubilweng.

Kgosi Moatlhodi Kgabo wa Medie a re ba amilwe ke seemo se se kwa godimo sa bogodu jwa leruo mo motseng wa gagwe.

A re seemo se, se apesitse barui ba kgaolo kobo ka letshoba ka ba sa tlhole ba na le meraka e e atang. A re letlhoko la koloi ke ba sepodisi le gone go thatafaditse dilo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Molepolole

Event : interview

Date : 26 Sep 2016