Breaking News

PPADB e diretswe go lolamisa tsa theko le thekiso

01 Sep 2016

Mogolwane wa kwadiso ya dikonteraka wa PPADB Rre Bosiame Seomile o tlhaloseditse makhanselara a kgaolo potlana ya Boteti ka diterelo tsa lephata la bone .

Rre Seomile o tlhalositse jalo ko phuthegong ya  khansele potlana ya Boteti ko Letlhakane ka  Mosupologo,a re lephata la PPADB  le itebagantse le theko le thekiso ya dithoto tsa puso.

Rre Seomile a re maikalelo a lephata la bone ke go bona gore theko  le thekiso ke ya  boleng ,ee maleba , ditlhwatlhwa tse di maleba,le ka nako.

A re dithendara tsa dithoto tse di tshwanang di tshwanetse tsa  tshwana le gore batho ba ba di tsenelelang ba tshwanetse ba tsewa ka tekatekanyo e bile go direlwa dilo mo pontsheng .

O tsweletse a re gape fa leloko la baba sekasekang  dithendara a lemoga gore gona  le mongwe yo a  mo itseng  ka tsela ngwe o tshwanetse a  supe gore a seka a tsena mo lekokong le le di sekasekang.

Rre Seomile o tlhalositse gore baikopedi ba tshwanetse ba tlhalosediwa ka bongwe ka bongwe gore ga ba kgona jang,gore fa ba paletsweng teng baye go baakanya.

A re dingongorego di tshwanetse tsa isiwa pele ga malatsi a le lesome le bone dile  mo mokwalong  e bile go na le bosupi .

A re  ba dira thulaganyo ya go baya bagwebi golo gole gongwe goya ka ditirelo tsa bone,a re go tlhoka gore konteraka e bo e kwadisitswe ko PPADB.

A re kwadiso e thusa gore ba bone gore a rakoteraka gaana tiro enngwe le gore a a rakonteraka o fiwa tiro ya selekanyo sa gagwe.

Rre Seomile a re ba simolodisa lenaneo le lesha la ikopelo mo maranyaneng a segompieno Internet, a re se se tla tokafaletsa Batswana dikgwetlho tse bantseng ba kopana le tsone fa ba batla go kwadisa.

E rile a akgela, mokhanselara yoo itlhophetsweng Rre Jeffery Nsiwa  a lebogela pego ya PPADB a re ba amule dikitso tse di botlokwa,  tse a reng  batla di kgaogana le morafe.

Rre Nsiwa a re kgang ya maranyane e tla thusa go solarela nako le madi tse e ntseng e le le kgwetlho mo batho baba  kwadisang ko PPADB.

Mokhanselara wa Mosu Rre Salammu Tsapo a re o solofela gore diphetogo  tsa  ikwadiso di  tla fokotsa sekgele se batho bantseng ba se tsaya .

Mokhanselara wa kgaolo ya Khumaga/Moreomaoto Rre Thomas Kgethenyane  a re tshenyetso sechaba e teng mo kabong ya dithendara ke gore batho ga ba tshwarwe.

Rre Kgethenyane a re kgang ya maranyane e botlhokwa mathata ke gore ba ya go tsenya maranyane a a turang go bo go nna thata gore morafe oa dirise ,gape a re  network ga e yo mo mafelong a mangwe.

Otsweletse  a kopa ba PPADB gore ba  anamisetse ditirelo tsa bone kwa setshabeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Potsolotso

Date : 01 Sep 2016