Breaking News

Dikgosi di gakolotswe go emela molao ka dinao

30 Aug 2016

Dikgosi di gakolotswe go diragatsa dithata tsa tsone tsa go laola thekiso ya bojalwa jwa Setswana le gone go bona gore melawana e e laolang thekiso ya jone e salwa morago.

Kgakololo e e dirilwe ke  mogolwane go tswa kwa ofising ya tiragatso molao  kwa Serowe, Rre Gofaone Toteng, ka Labone fa dikgosana tsa Serowe di etetse malwapa a a rekisang bojalwa  jwa Setswana.

Rre Toteng a re bogosi  bo tshwanetse go tlhomamisa gore go rekisiwa majalwa a a Setswana a a letleletsweng fela le go  bona gore go salwa morago dinako tsa thekiso.

 Majwalwa a Setswana a a letlelelwang mo malwapeng ke  mokuru o o dirilweng ka mabele, khadi  e e   dirwang ka moretlwa, setopoti sa magapu, bojalwa jwa morula le jo bo  dirwang ka phaletshe le madila.

O ne a supa fa diletso di sa letlelelwe  mo marekisetsong a bojalwa. 

Mongwe wa dikgosi tse di neng di le teng koo, Kgosi Oleosi Serite wa kgotla ya Mauba o ne a  gakolola barekisi ba bojalwa  go nna ba  ikwadisa mo dikgotleng tsa bone gore bone e le dikgosi ba itse gore go nowa kwa ga mang,a tswelela a ba kopa go obamela dinako.

Moemedi wa mokgatlho o o  mo letsholong la twantsho nnotagi wa Tsela Kgopo Cultural Group Rre Warona Ramaribana  o ile a ba kopa go nna ba tlhatswa dikupu  tse ba tshelang majalwa a bone mo teng go babalela botsogo jwa bareki ba bone. O tsweletse a ba kopa go rotloetsa  banwi ba bojalwa go ja pele ba tla go nwa.

 Morulaganyi wa  lekalana la Fokotsa Dino  mo Serowe District Health Management Team e bile e le mooki kwa Sekgoma Memorial Hospital, Mme Malebogo Motsokono a re bojalwa bo baka ditlhalano le dipolaano mo malapeng ka bontsi, jalo  ba bone gore go botlhokwa go kopa kgosana go buwa le batho mo dikgotlaneng tsa bone ka bodiphatsa  jwa nnotagi.

Mme Mmamotsokono  o tlhalositse fa  dipoto ka bontsi di bitswa maina a a sa kgatlheng go lebeletswe gore go diragala eng teng, di bitswa  bo bolola,ditshupo,UB,tlhatswa lesire le, bo moreomabele.

Dikgosi di ne tsa tsamaya le dipoto di le mmalwanyana, mme di ne di butswe tsotlhe mme nako ya bobedi mo tshokologong e ise e goroge. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : SEROWE

Event : Kgakolollo

Date : 30 Aug 2016