Khamphani ya Kalcon e abela baithuti ditilo le ditafole
28 Aug 2016
Mogokgo wa sekole se segolwane sa Ditsweletse Rre Nkarabang Nkarabang a re le ntswa lephata la thuto le itlamile go bona gore le dira gore mafelo a borutelo a nna a seemo se se siameng, se ga se kake sa kgonega fa go sena bana le seabe ba ba thusang.
O buile jalo fa a amogela dimpho tsa ditilo di le masome a matlhano le ditafole le tsone di le masome a matlhano tse di neng di abelwa sekole seo ke Khamphani ya Kalcon ka Labone.
Rre Nkarabang a re lephata la thuto le dule ka lenaneo la Adopt- A-School ka ngawga wa 2011 le maikaelelo a lone e leng go rotloetsa banaleseabe go nna le seabe mo thutong.
Rre Nkarabang a re lenaneo le la Adopt-A-School le simolodisitswe go lebilwe seemo sa thuto e e bokowa e bile e wela tlase, mme tlhaelo ya ditlamelo le yone e na le seabe.
A re ka Adopt-A-School, lephata la thuto le kgothatsa banaleseabe ka kakaretso go inaakanya le dikole ka bongwe ka bongwe ba di thusa ka fa ba ka kgonang ka teng, mo dilong tsotlhe tse sekole se nang le letlhoko mo go tsone. Rre Nkarabang o ne a tlhalosa matlhoki a bone, a a reng ke didirisiwa tsa thuto ka go farologana ga tsone, mochine o o ntsifatsang dipampiri, dibuka, dikhompiutara, dipaakanyo tsa sekole ka kakaretso le tse dingwe.
E ne ya re a tlhalosa maikaelelo a bone, mogolwane wa Kompone ya Kalcon, Rre Stefan Herbst a re ke go thusa setshaba segolo jang dikole.
Rre Herbst a re dikole ke tsone motheo wa tlhabololo ya lefatshe, a tlhalosa gore fa go sena thuto e e lolameng maiteko a go tlhabolola lefatshe a ka phutlhama.
A re e rile fa ba sekole sa Ditsweletse ba kopa gore ba tsenye letsogo mo lenaneong la Adopt-A-School a lemoga gore go ya go fa kompone ya bone sebaka sa go nna le seabe mo go tlhabololeng thuto ya lefatshe leno.
E rile fa a leboga, modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Ompabaletse Lerato a lebogela mpho a re o solofela gore bana ba tlaa e tshwara le go e dirisa sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : PALAPYE
Event : Letsatsi la kamogelo dimpho
Date : 28 Aug 2016






