Breaking News

Dipelo tsa ba Salajwe di sweufetse

28 Aug 2016

 Kgosi Moala Gaerupi wa Salajwe, o tlhalositse fa a lebogela go bona molelo wa kgolagano o tsile kwa motseng wa gagwe ka ba sale ba o letile.

O buile mafoko a fa a amogela baeng kwa motseng oo bosheng, a tlhalosa fa ba ne ba setse ba fela pelo gore molelo o tlaa goroga leng kwa go bone.

Kgosi Gaerupi o tlhalositse gore pele ga lefatshe leno le tsaya boipuso, motse wa Salajwe e ne e le sekaka fela go sena le fa e le sepe mo go one.

O tlhalositse fa erile ka ngwaga wa 1969, ba nna le sekole se sebotlana, ba rutelwa ka fa tlase ga setlhare, morago sa bopelwa ka mmu ke baithaopi.

Kgosi o boletse fa ka ngwaga wa 1975 puso e ne ya bona go le botlhokwa go ba agela matlwana a borutelo, mme sekole se sebotlana se se leng teng gompieno, se simolotse ka ngwaga wa 1976.

O tlhalositse gore fa e sale lefatshe leno le tsaya boipuso, mowa wa go ilana o ne wa fela, mme jaanong ba kgona go nyalana le merafe e mengwe. Kgosi o boletse gape fa a dumela gore fa bana ba ka itshwara sentle, le bone ba ka fitlha kwa dingwageng tse di masome a matlhano tse di tlang le go feta.

Fa a tlhalosa ka ditso tsa motse, Rre Goitsemodimo Merafe o tlhalositse fa batsadi ba bone ba ne ba nna kwa Metsiamanong, fa motsumi mongwe a raya monnawe a re ‘Salajwa” a raya gore sala jaana ke sa ntse ke ya letsomo, fa monnawe a tla a mmotsa gore o ka sala jang lefelo leo le sena metsi, ke fa lefelo leo le felela le bidiwa Salajwe.

O tlhalositse gore fa ba simolola go nna mo Salajwe ka ngwaga wa 1959, go ne go busa Kgosi Gobusang, mme go ne go le thata ka ba ne ba tshela ka motlopi. 

O tlhalositse gore fa lefatshe leno le sa ntse le bidiwa Bechuanaland le ne le sa ba siamela, ka go ne go na le bakgethisi, ba e neng e re fa ba tsena mo motseng ba ye go iphitlha mo sekgweng.

O tlhalositse gore erile morago ga lefatshe le sena go tsaya boipuso ke fa botshelo bo simolola bo tokafala, go epiwa matamo, go bo go nna le mananeo a bo ARAP, ba phakisiwa dipeo, morago ga nna le lenaneo la ALDEP ba fiwa diterata tsa masimo.

O lebogetse puso ya maloba a supa fa e ba golotse mo bokgobeng, a bo a kopa bana go reetsa batsadi ba bone le barutabana.

Monana Rre  Teko Poloka, o ne a kopa banana ka ene go ipatla ba ipatlisisa gore seabe sa bone ke eng go mo lefatsheng la bone.

Molelo o ne wa fetela kwa motseng wa Kaudwane kwa mogolo wa motse Rre Mokwena Monday, a neng a tlhalosa fa motse o o agilwe ka dikgaolwana di le thataro,  ebong  Mothomelwe, Kikau, Kukamma, Galalabadimo, Gope le Metsiamanong.

  O tlhalositse fa leina la Kaudwane le raya gore ke letlalo la kgama le le omeletseng, o boletse fa le biditswe morago ga gore motho mongwe a gelele metsi fa letlapanyaneng, mme ya re fa a boa a re o ya go gelela gape a fitlhela a seyo, a bo a le bitsa Kaudwane.

Rre Monday o tlhalositse fa goromente a ne a ba phuthela golo go le gongwefela dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi tse di fetileng, gore ba tle ba bone ditlamelo tse ba di akolang gompieno. 

O tlhalositse gore pele ga ba phuthelwa mo lefelong leo, bana ba bone ba ne ba sa tsene sekole sentle. Fa a tlhalosa ka ditso tsa letsha la Sutswane le le mo teng ga kampa ya CKGR, Rre Monday o tlhalositse fa ba ne ba nna mo lefelong leo le diphologolo pele ga puso e ba fudusetsa kwa motseng wa Kaudwane. 

O tlhalositse fa puso e epile didiba kwa diphologolo di nwang teng fa metsi a kgadile.

Fa a bua ka tebelopele ya banana, Rre Obakeng Obotseng, o ne a supa gore erile pele ga boipuso ditiro di ne di feta barutegi, ka bontsi jwa batho ba ne ba sa rutega, mme gompieno barutegi ba feta ditiro, ka jalo go le botlhokwa gore puso e ba rebolele go itirela bojanala go itlhamela ditiro mo motseng wa bone.

O kopile banana go ema ka dinao go tsaya mananeo a puso, go itlhamela dikompone le go tlogela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : SALAJWE

Event : Kamogelo Baeng

Date : 28 Aug 2016