Breaking News

Ngwaga o ke wa diphetogo - Tshireletso

28 Aug 2016

Mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye botlhaba Mme Botlogile Tshireletso, o akgoletse banni ba metse ya Dovedale le Kudumatse go bo ba tsweletse ka go phepafatsa metse ya bone.

Mme Tshireletso yo gape e leng mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae o buile se fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo bosheng.

A re go botlhokwa thata go bo metse ya bone  e le phepa bogolo jang ka ngwaga o go ketekwang dingwaga tse di masome a matlhano tsa boipuso. 

O ba kgothaditse go tshwara fela jalo ka se, se thusa gape le tikologo ga mmogo le botsogo ja bone.

O ne a ba gakolola gore boipuso jwa monongwaga ke jwa maemo a ntlha ka jalo puso le yone e rebotse gore fela fa kgwedi ya Lwetse e simolola Batswana botlhe bo ba apara mebala ya fologa ya lefatshe leno letsatsi le letsatsi.

A re boipuso jo, bo tsile go ketekwa ka gotlhe mo banni ba ka go kgonang, a tlatsa ka gore e tlaa re gone ka kgwedi ya Lwetse e le masome a mabedi le botlhano dikereke tsotlhe mo lefatsheng ka bophara go bo go tsene merapelo mo dikgotleng go rapelela boipuso.

Le fa go ntse jalo, mo go tse dingwe, Mme Tshireletso o ne a tlhalosetsa banni ka fa a sa itumeleleng ka fa ba sa tseyeng mananeo a puso ka teng.

A re  ba ba tsereng mananeo a,  ga ba a tlhokemele sentle, mme  a ba gakolola gore mananeo a, ke tsela nngwe e puso e e dirang go tlhama ditiro le go leka go lwantsha lehuma mme batho ga ba a tseye tsia.

O ne a tlhalosa gore se se botlhoko ke go bona banana ka bontsi bogolo jang kwa Kudumatse ba tsena mo seatleng mme a ba kgothatsa go tsaya mananeo ba a dirise mme ba a tlhokemele.

Mme Tshireletso a re mananeo a tshwana le la LIMID ga le tlhaole le kgona go tsewa ke botlhe, banana le bagolo ka jalo ba iketleetse ba tseye mananeo mme ba a dirise ba a tlhokomele gore ba tswe mo lehumeng.

Mo go tse dingwe mothusa tona o ne a ba lekodisa ka tse di dumalanweng kwa palamenteng, di akaretsa molao wa go simolola go dirisa maranyane mo ditlhophong.

A re tiriso e ya maranyana e tsile go leka go fokotsa mosuke ka nako ya ditlhopho mme e bile gape e tsile go dira gore maduo a tswe ka pele. O ne a tlhalosa  gore gape le nako ya ikwadisetso ditlhopho e tsile go katolosiwa gore batho ba kgone ba ikwadise ba le bantsi.

O ne a tlhalosetsa banni gore ba se tshwenyege ka go tsile go dirwa dithuto fela tse di tseneletseng gore setshaba se rutwe ka mochine oo nako e sa ntse e le teng gore ba seka ba tsietsega.

Kwa Kuduamatse, Kgosi Mokgweetsi Ketshabile o ne a itela ka borukutlhi jo bo golelang pele mo motseng wa gagwe.

Kgosi Ketshabile a re borukutlhi jo bo gakadiwa thata ke go bo mapodisi a motse wa gagwe a sena koloi, mme ba sokola go ka dira tiro ya bone sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 28 Aug 2016