Breaking News

Khansele e batla maano a madi

28 Aug 2016

Makhanselara a Palapye a re nako e tsile ya go tla ka methale e e tlaa thusang khansele-potlana ya Palapye go oketsa letseno la madi.

Fa ba akgela mo puong ya modulasetilo wa khansele ya Palapye, Rre Lesedi Phuthego, makhanselara a re letseno le puso e le neelang khansele le lennye fela thata go tsamaisa ditiro tsa khansele.

Ba re khansele e filwe boikarabelo jo botona jo bo tlhokang gore e bo e na le madi mo letloleng go diragatsa boikarabelo jo.

Ba re go tlhokana le gore khansele ya Palapye e tle ka methale e mo go yone e tlaa thusang khansele go itirela madi go dira ditlhabololo mo metseng e e masome mabedi le bosupa e e okametsweng ke khansele-potlana ya Palapye.

Ba re Palapye o tlhokana le ditlhabololo di tshwana ditsela, boroko ja barutabana le mafelo a borutelo le sepatela se sesha ga mmogo le mesele ya kgopho ya metsi a a leswe.

Ba re sepatela sa Palapye se rwele mosuke ka gore se dirisiwa ke dikgaolo tsa botlhophi tse tlhano ka jalo se a imelwa.

Ba re nako e tsile ya gore Palapye e agelwe sepatela go itsa mosuke.

Ba boletse fa mosuke o bakiwa gape ke gore Palapye o mo tseleng ya A1 e e tshabelelwang thata ke dikotsi ka jalo sepatela sa Palapye se amogela batho ba ba amegang mo dikotsing tsa tsela ka bontsi.

Ba kopile puso go aga sepatela kwa Lerala go fokotsa mosuke, ba re se se ka namola seemo sa sepatela sa Palapye.

Mo go tse dingwe, makhanselara a tlhalositse fa a sa jesiwe diwelang ke dijo tse di apewang fa tlase ga tsela bogolo jang gaufi le marekisetso a bojalwa.

Ba re melelo e e ka nna ya baka dikotsi ka jalo khansele e tshwanetse go tsenya seemo se leitlho. Ba re dikole tse di ithutelang go kgweetsa le tsone ga di a tshwanela go nna fa pele ga malwapa go itsa dikotsi.

Ba kopile batsadi go tshwaraganela thuto ya bana ba bone le barutabana.

Ba re ba tshwentswe thata ke boitaolo ja bana ba dikole, tiriso ya ditagi ko dikoleng le boimana ja bana ba basetsana.

Ba re puso le barutabana ga ba kake ba kgona dikgang tse, ka jalo batsadi ba tshwanelwa ke go tsaya boikarabelo go kgalemela bana ba bone.

Le fa go ntse jalo, makhanselara a ile a amogela pego ya lenaneo la ipelegeng mme ba rotloetsa gore babereki ba ipelegeng bogolo jang banana ba dirise mananeo a banana go itshimololela dikgwebo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya khansele

Date : 28 Aug 2016