Williams o rolela hutshe ba Maunatlala
15 Aug 2016
Banni ba Moremi kwa kgaolong ya Lerala/Maunatla ba akgoletswe go inaakanya le ditlhabololo tse di ka ba tsenyetsang madi tsa bo tsa ba direla ditiro go na le go baya fela mo pusong.
Se se tlhalositswe ke modulasetilo wa khansele ya Legare Rre Peter Williams yo o mo leetong la kgaolo-potlana ya Palapye, ka maikaelelo a go itseela ka tsebe dilelo le letlhoko, ga mmogo le go abelana megopolo ka fa kgaolo e ka tlhabololwang ka teng.
Erile a lekodisa modulasetilo mo boemong ja banni ba Moremi, modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse Mme Gobopamang Bodilenyane a tlhalosa fa lekgotla la bone le tshwere ka natla go oketsa matlo a boroko kwa Moremi Gorge le gore lefelo lengwe le lone le tlaa tlhabololwa fa nako e ntse e tsamaya.
Mme Bodilenyane o ne a re mathata a a teng mo motsing ke a gore ga gona matlo a barutabana, a re go tsere lobaka gore a baakanngwe, le fa ntswa go supegile gore kago e na le go diega.
O ne gape a kopa gore a go fefogelwe go tsenngwa ga motlakase kwa kokelwaneng le go laolwa ga metsi mo motseng fa dipula di na.
Mo mafokong a gagwe, modulasetilo o ne a supa fa a tlaa latedisa gore tiego ya matlo a barutabana le gotsengwa ga motlakase e tsalwa ke eng a eta a supa fa letlhoko la madi le lone e le lone mmaba yo motona, ka go laolwa ga metsi a pula mo motsing gone ba setse ba simolotse kwa motseng wa Lerala e le tekeletso, mme fa go kgonega tiro eo e tlaa anamisiwa le dikgaolo tse dingwe.
Rre Williams o ne a kgothatsa thata banana ba Lesenepole/Moremi go tsaya mananeo a ba a neelwang ke puso ka tlhwaafalo go itirela, a supa fa go sena se se sa feleng, a re nako e nngwe ba tlaa bo ba itshwere molomo mananeo ao a sa tlhole a le teng, mme bone ba sa itirela sepe.
Rre Williams a re mananeo a mantsi fela thata a banana ba ka a tsayang go ithusa le go thusa puso ka go tlhamela bangwe ka bone ditiro le gone go thusa puso go fokotsa ditshenyegelo tsa madi madi a a dirisiwang go tlhokomela bo morwaraabo.
Modulasetilo a re metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati, a re mananeo a puso a a diretsweng banana ke ntletsentletse a a sa tlhokaneng le gore a motho o tsene sekole kana nnyaa.
O ne a re bontsi ja batho ba ba humileng ke ba erileng bangwe ba sa ntse ba diilwe ke sekole bone ba bo ba batla se se ka ba tshetsang ba dira ka diatla.
O ne a kgalela bontsi ja banana ba ba latlheletseng bana ba bone mo botsading a re ke tshwanelo ya bone go tsaya boikarabelo ja kgodiso ya bana ba bone le go nna maloko a PTA.
O ne gape a kgothatsa diVDC go ikemela ka dinao go batla ditsela tse ba ka tsenyang madi ka tsone go itlhabolola go ya pele.
O tsweletse a tlhalosetsa morafe fa makhanselera a sa amogele madi ape e bile ba sa rekelwe dikoloi jaaka bangwe ba akanya, a re ba di reka ka madi a bone e le tsa bone le ba malapa a bone, eseng gore jaanong e nne tsone tse di berekang dintsho tsa kgaolo. A re lenaneo le le kileng la nna teng la go duelela sephatlo sa dikoloi tse di rekwang ke makhanselara le sale le emisitswe.
Mo dikakgelong bontsi ja banana ba metse eo ba ne ba supa fa mananeo a ba a neelwang a siilwe ke nako segolo jang a temo-thuo, mme ba kopa gorerisiwa go tswa ka mananeo a ba ka a dirang go itlhabolola gone le go bolelelwa gore ba dire eng. Ba re tlhaelo ya lefatshe le letlhoko la metsi ke mathata fa go tla mo temo-thuong.
Bangwe ba ne ba batla go itse ka lenaneo la banalebogole gore le thusa jang le lone la dikhutsana le masiela.
Erile a araba mmaboipelego mogolo wa kgaolo-potlana ya Palapye, Mme Patricia Kgakge a supa fa lenaneo la masiela le dikhutsana le kwadisa mongwe le mongwe yo o lebanyeng, mme le sa reye gore ke tswanelo ya gagwe go ka tlamelwa ke puso fa botsadi bo kgona, seo e ya bo e le go itse dipalo tsa bone le gore ba thusiwe fa go tlhokafala.
Ka banalebogole o rile le bone fela jalo ba tsenngwa mo mananeong a a farologaneng ka bokgoni ja bone ga se botlhe ba ba tlhokanang le go duelwa bangwe ke ba bogole jo ba ka itirelang mme ba a sekasekwa ba thusiwe ka fa go tshwanetseng ka teng.
Mo mafokong a tebogo, mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Mmabesi Olopile o ne a galaletsa modulasetilo wa khansele fela thata ka tiro e ntle e a e dirileng go etela batho ba metse eo go itseela ka tsebe matshwenyego a bone, a re ke motho yo o nang le mowa wa neelano, lerato le tirisano mmogo e bile a rata kagiso.
Fa mokhanselera wa kgaolo Rre Opelo Modimooaitse ene a ne a supa fa kgaolo ya Legare e le tona fela thata e tlhoka ditlamelo ka bontsi.
O ne a bo a kopa gore modulasetilo wa khansele a ba thuse go buwa le ba metsi le motlakase go ba sekegela tsebe ka go katolosa melelwane ya bone pele ba abela batho ditsha. BOTLHOKO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : MOREMI
Event : Loeto
Date : 15 Aug 2016






