Breaking News

Dipaakanyo tsa boipuso di tsweletse

14 Aug 2016

Mothusa molaodi  wa Kgalagadi Borwa Mme Peggy Kutlase a re dipaakanyo tsa malatsi a go ipelela boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano di tsweletse sentle mo kgaolong eo.
Fa a buisana le ba lekalana la dikgang  la BOPA ka Laboraro o tlhalositse  fa ba setse ba le malalaalaotswe mo go ipaakanyetseng boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano  e le ba komiti ya BOT 50 ba tshwaraganye le  balekane ba Botswana   le banni ba metse yotlhe e e mo  kgaolong  ya  Kgalagadi Borwa.
Mme Kutlase a re  mongwe le  mongwe le setshaba ka kakaretso ba tshwanetse go ipotsa gore ba kgonne eng mo go gorogeng  fa ba  leng teng gompieno  tebelopele ya bone  go ya pele mo ditlhabololong tsa kgaolo ya bone morago ga lefatshe leno le sena go tsaya boipuso ka 1966.
O kaile fa kgaolo ya Kgalagadi e ne e le nngwe ya dikgaolo tse di neng di le kwa tlase  thata mo ditlhabololong mo dingwageng tse di fetileng  fa go tshwantshwanngwa le mo nakong ya gompieno mo go lebegang e le botoka fela thata. A re banni ba Kgalagadi le bone jaaka dikgaolo tse dingwe  ba tshwanelwa ke go ipela le go itumelela moalo wa matshego a mane a lefatshe leno  a  puso ya batho ka batho, boipelego,tshwaragano le tlhabologo. Mothusa molaodi o boletse fa mo nakong ya gompieno bontsi jwa metse e e mo Kgalagadi ba setse ba gatetse pele ka  go kgabisa  maobo a dikgotla tsa bone ka go a kgabisa ka mmala wa fologa ya lefatshe leno   o kaya  fa se se dirilwe motlhofo  ke molelo wa kgolagano o o tsweletseng ka go tlhagolela pele malatsi a boipuso jwa ngwaga ono.
Mme Kutlase a re ba setse ba simolodisitse dikgaisano tsa metshameko,moopelo le bommabontle  le tse dingwe mo  metseng ee farologanyeng tse ka tsone tse di fentseng e tlaa bong e le tsone tse di natifisang mo motseng mogolo Tsabong ka malatsi a boipuso.
O kaile fa ba ne ba  tshwaragana le go buisana le bogogi jwa metse ya ba Kgalagadi Borwa gore le bone ba simolodise dikomiti tse di baakanyetsang boipuso mme ba tshwaraganye le komiti ya BOT50 ka go ba fa dikgakololo tse di maleba. Fa a ama ntlha ya madi o kaile fa kgaolo ya Kgalagadi e neetswe lemmenyana le le tlaa dirisiwang mo motseng mogolo Tsabong, mme  motse mongwe le mongwe o tlaa ikokotleletsa madi a ba tlaa a dirisang go keteka malatsi ao le gore bone ba buisana le go dumalana gore ba ipela mo go ntseng jang.
Mothusa molaodi o gakolotse le go kopa mongwe le mongwe go nna le seabe ka go tsenya letsogo a sa salwe morago  ka seo se ka thusa thata  mo go tlhomamiseng gore letsatsi leo le a atlega. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Catherine Simane

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 14 Aug 2016