Breaking News

Tsheko e tla tswelela

10 Aug 2016

Kgotla ya ditsheko ya Village e sa tswa go itsisiwe fa ditlhotlhomiso di weditswe tsa kgang e mo go yone, Batswana ba le batlhano le Baswati ba le babedi ba fitlhetsweng ka setlhatshana se se tagang sa motokwane. 

Erile fa a lekodisa mmakaseterata mogolo Mompati Taolo ka Mosupologo, Detective Sub-inspector Baleofi Disho a re o neetse basekisiwa pego ya maduo a tlhatlhobo e e supang gore setlhatshana se se neng sa tshwarwa mo go bone, e ne e le motokwane wa bokete ja 7.7kg. A re basekisiwa ba tlaa bo ba neetswe dipampiri tsotlhe pele ga tsheko e tsena ka Lwetse a le 19.

Mmakaseterata mogolo Taolo o ne a laola bosekisi gore ba bo ba neetse ba ba lebisitsweng molato dipampiri tsotlhe tse di tlhokafalang dibeke tse pedi pele ga tsheko e tsena gape go e ipaakanyetsa. 

Mmueledi wa Baswati, Rre Lyndon Mothusi o ne a rurifatsa gore se mosekisi a se buileng a bolela gore legale o tlaa kopa gore go nne le pharologanyo ya mabaka a go letela tsheko kwa ntle gore ba a ba emetseng ba kgone go etela ba malwapa a bone kwa Swaziland ka gore ga ba bolo go nna mo Botswana faesale ba tshwarwa.

 Pampiri ya molato e supa fa batho ba ba supang bao, ba tshwerwe ka Motsheganong a le 27, 2016 kwa Tsholofelo East mo Gaborone ka ba ne ba tshotse motokwane e se ka fa molaong.

Maina a bone ke; Sydney Mfanukhona Lushaba, Dalton Dogerville Steenkamp, botlhe ba tswa Swaziland le Tumisang Segwagwa, Moemedi Batsile, Gape Itweleng, Maatla Tlhabaki le Reginald Setswammung. Batswana le bone ba ne ba letlelelwa go letela tsheko kwa ntle, ka ditumalano tsa gore ba duele P5000 mongwe le mongwe wa bone ba bo ba tsise moemedi yo o ka itlamang go duela P2000, ba seka ba dira molato ope, ba bo ba ipege gangwe fela ka Labone mongwe le mongwe kwa diofising tsa CID Serious Crime Squad. 

Baswati bone ba ne ba laolwa go duela P1000 mongwe le mongwe ba bo ba tsise mongwe yo o ka itlamang go ba duelela P5 000 mongwe le mongwe wa bone. 

Mabaka a mangwe a go letela tsheko kwa ntle a ne a tshwana fela le a Batswana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Tekodisa ya mmakaseterata mogolo

Date : 10 Aug 2016