Breaking News

Khamphani ya Gardener Dealers e abela Kgosi

05 Jul 2016

Khamphani ya Gardener Dealers e ne ya re ka Mosupologo ya abela Kgosikgolo  Malope II  wa Bangweketse merogo ka go farologana. Merogo e, e ne ya amogelwa ke Kgosi Gaofenngwe Bome mo boemong jwa ga kgosikgolo

Kgosi Bome o ne a bua fa temo e le mpho go tswa kwa Modimong e bile Bangwaketse ba tshwanetse go e dirisa. Kgosi o ne a gatelela go latlhwa ga ngwao le go tlhoka go e tsosolosa. Kgosi o ne a bua ka itlhokomoloso ya banana mo temong mme e le sengwe se ba ka itshetsang ka sone.

Rre Radifoune Motsekhumo yo e leng mookamedi wa khamphani ya Gardener Dealers, o ne a tlhalosa fa a ne a bona botlhokwa jwa go abela kgosikgolo merogo e, ka a bone fa ngwao e  latlhilwe e bile e sa tlhole e tlotlwa. O ne a bua fa a le motlotlo thata go bo a kgonne go fa kgosi.

Kgosi Thatayaone Makaba o ne a leboga ba Gardener Dealers gore ba bo ba kgonne go gopola kgosi morago ga thobo e ntle. Kgosi o ne a bolela fa e ne e le lantlha a bona tiro ya go tshwana le e fa esale a tsena mo ofising mme o e opela diatla.

Kgosi o ne a bua a re “re senya madi ka go reka dijo kwa ntle ga lefatshe la Botswana mme re kgona go itemela mo gae, e bile maduo a le fano.” O ne a bolela fa rre Motsekhumo a ise a dirise mananeo ape a puso mme a kgonne go emisa khamphani ya gagwe ka dinao.

O ne a kgothatsa banana go ikemelela ka dinao ka e le bone ba ka intshang mo lehumeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Letlhogile Aabobe

Location : KANYE

Event : Kabo dimpho

Date : 05 Jul 2016