Breaking News

Matlotla a puso a tsile go thujwa

12 Jun 2016

Dikago tshotlhe tsa bogologolo tsa puso tse di duleng matlotla di tsile go thubiwa go agiwa dikago tsa matlhatlaganyane tsa bonno jwa badirelapuso.

Mafoko a, a builwe ke tona wa lephata la dikago, boranyane le boitseanape, Rre Nonofo Molefhi, mo phuthegong ya kgotla e a neng a e tshwere mo Mahalapye ka Labone.

Tona Molefhi a re e rile puso fa e tlaa tlogela dikago tseo bogolo jang thata tsa modiro wa asbestos ga bo go dule dipego tsa gore fa a setse a tsofala e baka kankere ke ka moo puso e neng ya tswa mo dikagong tsa mofuta oo.

A re puso jaanong e lemogile gore e re ka badiri ba yone ba tlhaelelwa ke boroko, tsile go thuba dikago tseo mme go agiwa matlo a matlhatlaganyane go ba direla boroko.

O ne a tlhalosa gore e re ka go na le tlhaelo ya lefatshe, lefatshe ka bophara ba bone go le botoka go aga matlo a matlhatlaganyane go somarela lefatshe.

Rre Molefhi o ne a araba mafako a ga Kgosi Duncan Segotsi yo o neng a itela ka dikago tsa puso tse di tletseng kwa Mahalapye mme di sa dirisiwe, e bile di setse di fetogile matlotla.

Kgosi Segotsi o ne a tlhalosa gore dikago tseo e bile e setse e nna matlo a a iphitlhang magodu, a tlatsa ka gore a puso e ka se di rekisetse setshaba bogolo jang ka di agilwe ka madi a mantsi kgotsa ya di thuba go leka go fema diemo tse di sa siamang tse.

Rre Molefhi o ne a tswelela ka go tlhalosa gape gore lephata la gagwe le itebagantse le dikago tsotlhe fela tsa puso di akaretsa dikole, dikokelo, le diofisi tsa maphata a puso ka go farologana.

O ne a tlhalosa gore bone e le ba lephata la dikago, boranyane le boitseanape ba fa maphata a puso bogakolodi jwa dikitso gore ba ka aga jang dikago tsa bone fa ba batla go aga le boitseanape jwa ditlhaeletsano.

Rre Molefhi o ne a tlhalosa gore lephata la gagwe le puso ba seegetse fa thoko madi a a tshwarang P15 million go abelwa banana bao ba ba tlaa bong ba na le dikgwebo tse di itebagantseng le tsa kago gore ba phadisanye ba kgone go itlhamela ditiro le go tlhamela ba bangwe ditiro.

O ne a tlhalosa gore le fa go ntse jalo, maphata otlhe a puso le one a itlamile gore ba seegele fa thoko seelo sa ditiro tsa bone go ka di neela banana gore ba ba rotloetse.

Le fa go ntse jalo, tona Molefhi o ne a tlhalosa gore lephata la gagwe le simolotse molao o ka one o tsileng go tlama boradikgwebo, boramaranyane, baagi, le bao ba ba kanokang dikago gore ba dira tiro ya bone sentle.

A re batho ka bontsi ba setse ba tsaya gore madi a puso a motlhofo go ka bonala mme ba dire tiro e e loleya fela ba gabile go duelwa.

O ne a tlhalosa gore mo ngwageng wa madi wa 2016/17 melao e meraro e ya go tlama botlhe b a ba amegang gore fa motho a sa dira tiro ya gagwe sentle a kgone go seka mme gape a bo a thibelwa go tlhola a bona tiro mo pusong.

Rre Molefhi a re mo go tsile go rurifatsa gore botlhe ba dira tiro ya bone ka botswapelo le ka boammaaruri, a tlatsa ka gore boradikgwebo bangwe ba baya matshelo a batho mo kotsing ka go sa dire tiro sentle.

E ne e rile go le pele modulasetilo wa ditlhabololo tsa Mahalapye Rre Mmoloki Ntapu a tlhalosa fa dikago tsa puso ka bontsi di sena tlhokomelo e e siameng mme tse dingwe di le disha mme di setse di senyegile.

Rre Ntapu a re fa e sale puso e emisa tlhokomelo ya dikago go tswa kwa lephateng la tsa kago, dikago tsa puso ga di na tlhokomelo a a fa sekai ka kago ya ga mmakaseterata ya Mahalapye.

One a itela mo go tona gore a dikago tse jaanong di fetogileng matlotla mo Mahalapye a di ka se neelwe mekgatlho ya banana le bomme go itshimololela ditirelo mo go yone ka di sa dirisiwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Jun 2016