Breaking News

Dikgosi di tlaa okelediwa dithata

12 Jun 2016

Dikgosi di tlaa okelediwa dithata gore di kgone go nna le taolo mo metseng ya tsone.

Fa a bua le banni ba Masukwane mo phuthegong ya kgotla ka Labone, Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama o tlhalositse fa a laetse Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae go bona gore thulaganyo ya go nna jalo e a diragala.

Tautona o ne a supa fa go okeletsa dikgosi dithata go ka thusa ga ba ga nonotsha maiteko a go lwantsha borukutlhi.

O kaile fa a na le tsholofelo ya gore tona o tlaa dirisa phuthego e  e latelang ya Ntlo Ya Dikgosi go lebisisana kgang e le dikgosi gore le bone ba tle ba nne le seabe mo go boneng gore se se a diragadiwa.

Mo ntlheng e nngwe, Lt Gen. Dr Khama o ne a rurifaletsa banni ba Masukwane fa tsela e e golaganyang Tshesebe le Masunga e ralala Mosojane e tlaa dirwa ka lenaneo la go tsosolosa itsholelo la ESP.

O supile gore go bo tsela e e tlaa dirwa ke tiro e tona ka jaana banni ba metse e e amegang ba tswa kgakala ba ikuela mo pusong gore tsela eo e tshelwe sekontere go ba nolofaletsa metsamao ga mmogo le go thusa go tsisa ditlhabololo kwa metseng ya bone.

Tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane, o ne a tlhomamisa fa lephata la gagwe le tshwere kgang ya go okediwa ga dithata tsa dikgosi.

Mo kopong ya banni ya gore go tsenngwe dikhomputara mo diofising tsa kgotla, Rre Tsogwane o ne a tlhalosa fa lephata le ntse le tsweletse ka go dira jalo mo dikgotleng go ralala lefatshe leno.

Le fa go le jalo, o kaile fa sebe segolo e le tlhaelo ya madi; selo se a boletseng fa se ntse se dira gore go anamisa dikhomputara le dikgotla go nne bonya.

Mo go reng baithuti ba Masukwane ba ba tshelang ka bogole mme ba tsena sekole kwa sekoleng se sebotlana sa Moroka ba thusiwe ka koloi go ba isa kwa sekoleng letsatsi le letsatsi, tona o ne a supa tsholofelo ya gore seemo seo se tlaa rarabololwa ke go agwa ga matlo a boroko a baithuti.

A re go agwa ga matlo ao, mo go solofetsweng go simolola mo nakong e e seng kgakala, go tlaa araba selelo sa banni ga ba ga afa baithuti sebaka sa go tsena sekole ntle.

E ne e rile a lekodisa Tautona, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Stanley Matombo a ikuela mo pusong go ba tsenyetsa dikhomputara mo diofising tsa kgotla go nolofaletsa badiri tiro, ga mmogo le go thusa ka koloi e e ka nnang e isa baithuti ba ba-na-le bogole kwa sekoleng kwa Moroka.

Go sale foo, Rre Matombo o ne a lebogela puso ditlhabololo di akaretsa go ajwa ga dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV mo kokelwang ya motse wa bone.

O ne gape a lebogela go bo ba filwe mooki wa bobedi e bile gape go setse go tlhatlhobelwa mogare wa HIV mo kokelwaneng ya bone.

E ne e rile a amogela baeng, Kgosi Dick Chikuba a lela ka seemo sa borukutlhi jwa go thujwa ga matlo, segolo jang a badirelapuso.

Seemo se, o supile fa le bana ba Masukwane ba na le seabe mo go sone, mme a ikuela mo banning go tla ka ditsela tsa go se tsenya mo taolong. Mo kgannyeng e nngwe o ne a kopa gore fa itsholelo e tokafala banana ba ba mo lenaneong la Tirelo Setshaba ba okelediwe dikatso ka jaana ba dira tiro e ntle. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MASUKWANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Jun 2016