Go itse tsamaiso ya palamente go botlhokwa
07 Jun 2016
Motsamaisa dipuisano tsa palamente, Mme Gladys Kokorwe, a re go botlhokwa gore Batswana ba nne le seabe mo mererong ya palamente.
Mme Kokorwe o buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Tutume ka Mosupologo.
A re batho ba tshwanetse go itse ka tsamaiso ya palamente gore sepe se se dirwang ba bo ba na le kitso e bile seabe sa bone e le se se bonalang.
A remaikaelelo a leeto la gagwe ke go isa palamente kwa bathong, selo se se tlaa fang Batswana sebaka sa go ithuta ka ditsamaiso tsa palamente gore ba tle ba kgone go tsaya karolo le go nna le kgolagano le baemedi ba bone kwa palamenteng.
Mme Kokorwe o ne a kopa batho go tsena diphuthego tsa kgotla tsa mapalamente.
O ne a kgothatsa setshaba go dirisa ofisi ya mopalamente e e mo kgaolong a re ofisi eo ga e amane ka gope le sepolotiki ka jalo setshaba se tshwanetse sa phuthologa go e dirisa go kopa dikgakololo ka go farologana.
Motsamaisa dipuisano o ne a gatelela gore modiri mo ofising ya mopalamente o thusa batho ka go lekalekana a sa sokamela ntlheng epe e bile ga se lepolotiki ke modirelapuso.
Bangwe ba ba neng ba tsene phuthego eo ba ne ba kopa gore dipuisanyo tsa palamente di gasiwe mo thelebishineng ya setshaba.
Rre Batisane Maswibilili a re ke nako ya gore dipuisano tsa palamente di gasiwe gore ba kgone go bona ka matlho baemedi ba bone ba bua.
Rre Maswibilili o ne a kopa gore a mapalamente a seka a fiwa maemo a mangwe gape a go nna matona, a re selo seo se kgoreletsa baemedi go tlhokomela kgaolo ya bone sentle, a re puso e fetole tsamaiso eo segolo go tlhomiwe badirelapuso bangwe go nna matona.
Rre Dema Jesi le ene o ne a otlelela mafoko a ga Rre Maswibilili, a re fa dipuisano tsa palamente di ka gasiwa bana ba dikole ga ba na go tsaya mesepele e meleele go ya Gaborone go bona palamente ka jalo seo se tlaa fokoletsa batsadi ditshenyegelo tsa go duelela mesepele eo.
Ba ne ba galaletsa komiti ya mapalamente ya ditshekatsheko tsa madi tiro e ntle e e e dirang, ba re le fa ditshwetso di diega go tsewa, tiro yone e a dirwa.
Fa a araba, Mme Kokorwe o ne a bolela fa e le keletso ya puso gore dipuisano tsa palamente di ka gasiwa mo BTV a re sebe sa phiri ke madi, a re go gasa go lopa madi a mantsi a ba ka se kakeng ba a kgone mo nakong ya gompieno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 Jun 2016






