Breaking News

Mopalamente o lebogela tekodiso

19 May 2016

Mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng-Lephepe Rre Liakat Kablay o lebogetse tekodiso e a e filweng ke maphata a puso ka go farologana mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng pele ga a buisa diphuthego tsa kgotla mo kgaolong ya gagwe.

E rile a bua kwa tekodisong eo, Rre Kablay o ne a supa fa go le botlhokwa gore e le baeteledipele ba kgaolo, ba nne ba kopana le ditlhogo tsa maphata ka go farologana go itseela ka tlhamalalo dikgwetlho tse ba nang le tsone mabapi le go isa ditirelo kwa bathong.

Rre Kablay o ne a supa fa gape bokopano joo bo dira gore e le mapalamente ba nne le dikarabo tse di tsepameng fa setshaba se ba botsa kwa diphuhegong tsa kgotla, bogolo jang ka badirelapuso ba ka se kgone go nna teng mo phuthegong nngwe le nngwe ka ntlha ya ditiro tse dingwe tse di ba tlhokang.

O supile fa go tlhoka dikarabo tse di tsepameng e le mapalamente go sa ba beye sentle fa pele ga morafe ka jaana go nna e kare ga ba a tlhwaafalela tiro ya bone. Rre Kablay o ne gape a supa fa mapalamente le badirelapuso e le selo se le sengwe e bile ba tshwanetse go thusana dikgwetlho tsa kgaolo, mme a re seo se ka kgonega fela fa bobedi joo bo itse e bile bo amogela dikgwetlho tsa yo mongwe.

Le fa go ntse jalo, Rre Kablay o ne a kopa baemedi ba maphata ao go leka ka bojotlhe go nna ba iponatsa mo diphuthegong tsa kgotla tsa mapalamente ka jaana dikarabo tse di amang maphata a bone di ka nna botoka di tswa ka bone.

Rre Kablay o bile gape a supa fa bokopano joo bo tlaa fokotsa dingongorego tse mapalamente ba a tleng ba nne le tsone ka maphata a puso ka jaana ba tlaa bo ba tlhaloganya dikgwetlho tsa bone. O ne gape a rotloetsa gore go tsenngwe mashetla mo dipaakanyetsong tsa boipuso jwa bo masome a matlhano, ga mmogo le go amogela molelo wa kgolagano o o solofetsweng mo kgaolong ya Lethakeng ka kgwedi ya Phatwe.

Mo go tse dingwe, Rre Kablay o ne a solofetsa ditlhogo tseo tsa maphata gore o tlaa isa dikgwetlho tsa bone kwa bagolwaneng ba ba maleba. O ne a  bua jaana morago ga gore maphata ka bontsi a supe fa ba ketefalelwa ke go isa ditirelo kwa setshabeng ka tshwanelo ka ntlha ya dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya dipagamo le bodiredi.

Rre Kablay o ne a kopile bokopano joo gore maphata ka go farologana a mo tlhatlhelele pele ga a simolola motseletsele wa diphuthego tsa kgotla mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi beke e e tlang e simologa.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Olekantse Sennamose

Location : LETLHAKANE

Event : Tekodiso

Date : 19 May 2016