Breaking News

Thuto ke pinagare ya mongwe le mongwe - Maruje

18 May 2016

Kgosi Thabo Maruje III wa Masunga a re thuto ke pinagare motho mongwe le mongwe a tshwanetseng go ikaega ka yone.

Fa a bua kwa tirong ya go ribolola ditshwantsho tse di dirilweng ke badiri ba lephata la thuto le tlhabololo dikitso mo leobong la kgotla ya Masunga ka Labobedi, Kgosi Maruje III o boletse fa thuto e le botlhokwa ka jaana e ama dikarolo tsotlhe tsa botshelo.

O bile a kaya fa go tshwanetse ga lemogwa fa thuto e se fela e e amogelwang kwa sekoleng, a supa fa letsatsi lengwe le lengwe la botshelo le tlisa dikitso tse di farologaneng tse di ka tlisang phetogo mo botshelong jwa motho.

O ne a rolela hutshe ephata la thuto le tlhabololo dikitso go bo le pentile la bo la dira ditshwantsho tse di nang le bokao jo bogolo mo morafeng wa Masunga, a re seo e tlaa nna thuto e e tlaa akolwang ke dikokomane di le mmalwa tse di tlaa tlang.

E ntse e le kwa tirong eo, mokhanselara wa Masunga, Rre Elias Mbonini le ene o ne a iteela legofi lephata leo, le ene a kaya fa ditshwantsho tse di dirilweng mo leobong la kgotla ya motse wa Masunga di tlaa nna le seabe se segolo mo go thuseng go somarela ditso tsa banni le tsa lefatshe la Botswana ka kakaretso.

Rre Mbonini o ne a tlhalosa fa go dibela le go disa ngwao kgatlhanong le go nyelela e le selo se morafe o ntseng o se lwelago bona gore toro eo e a diragadiwa.

E ne e rile go le pele, fa a a fa motlhala ka tiro e ba e dirileng, mookamedi wa tsa thuto wa kgaolo ya Bokone Botlhaba Rre Galesengwe Mohube, a supa fa e ne ya re morago ga go tsewa ga tshwetso ya gore letsatsi la go isa ditirelo kwa setshabeng le tlaa tshwarelwa kwa Masunga, badiri ba ne ba tswa ka mogopolo wa gore ba dire sengwe mo motseng oo se ba tlaa gakologelwang ka sone.

Rre Mohube o ne a tlhalosa gore e ne ya re ba ikopantse le bogogi jwa motse go supa keletso ya bone, ba kopiwa go penta le go dira ditshwantsho tse di nang le bokao jo bo rileng mo leobong la kgotla.

Mogopolo oo, o boletse fa ba ne ba o amogela ka tsoopedi, seo e le go lemoga fa kgotla e le lefelo la botlhokwa mo motseng, le bokao jwa lone bo tlhokang go tswelela bo tlotlomadiwa.

Mo godimo ga go ribololwa ga ditshwantsho tseo, motse wa Masunga o ne wa abelwa diaparo tse tsone di tlaa abelwang ba go tlaa lemogwang fa ba na le letlhoko mo motseng.

Tiro eo ya go ribolola ditshwantsho e ne e le bontlha bongwe jwa ditiragalo tsa letsatsi la go isa ditirelo tsa lephata kwa setshabeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MASUNGA

Event : Moletlo wago ribolola ditshwantsho

Date : 18 May 2016