Sekole sa Dovedale se a ipela
18 May 2016
Banni ba Dovedale le badiri ba sekole se sebotlana sa motse oo ba ne ba ipelela dingwaga tse di masome a mane sekole seo se ntse se le teng bosheng.
Mogokgo wa ntlha wa sekole seo, Rre Malebogo Sefhemo a re ke maiteko a matona ka ba simolotse ba na le dikgwetlho tse ditona ka batsadi ba ne ba sa tlhaloganye mosola wa thuto ka nako eo. Rre Sefhemo a re sekolo se, se butswe ka ngwaga wa 1976 ka baithuti ba le lekgolo.
A re ka nako eo, go ne go sena ditsela, boroko le dipalamo mme ba ne ba bereka ka boineelo.
A re ba ne ba na le mowa wa boithaopo le go dira mmogo mo go neng go ba thusa gore ba kgone go ntsha maduo ntswa ba ne ba na le dikgwetlho tse dintsi.
O ne a tlhalosa gore ka nako eo ba ne ba amogela baithuti ba bagolwane ka ba ne ba diega go tla dikoleng mme ba na le maitsholo a a amogelesegang ka batsadi ba ne ba sa ntse ba otlhaya bana.
E rile a bula moletlo oo semmuso, Mme Pinkie Setlalekgosi o ne a rotloetsa batsadi go tlhokomela bana ba bone.
Mme Setlalekgosi a re o lemogile gore bana ba Botswana ka bontsi ba inaakantse le nnotagi le tiriso ya diritibatsi.
A re o tshwenngwa ke boimana jo bo golelang pele jwa bana ba ba sa ntseng ba tsena sekole, a tlatsa ka gore boimana bo senyetsa bana bokamoso e bile bo busetsa maiteko a lefatshe la Botswana a go nna setshaba se se rutegileng kwa morago.
O ne a rotloetsa batsadi gore ba nne ba itse se se diragalelang bana ba bone ka gole gantsi ba bona go setse go diragetse.
A re batsadi ba tshwanetse go tsaya maikarabelo ka bana ba bone mme ba se ikaege ka barutabana gore ke bone ba tlaa dirang tiro ya go tsenya bana ba bone mo tseleng le go ba ruta molao. Mme Setlalekgosi o ne gape a rotloetsa barutabana go tswelela ba dira ka natla ntle le dikgwetlho tse di sa ntseng di le teng jaaka letlhoko la motlakase le metsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Barati Masigo
Location : MAHALAPYE
Event : Badiri ba sekole ba a ipela
Date : 18 May 2016






