Mapodisi a tlhotlhomisa dintsho
18 May 2016
Mapodisi a Baines Drift a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone bana ba le bararo ba tlhokafatseng morago ga go shwela mo ntlong ya kamore e le nngwe kwa Tsetsebye ka Labotlhano.
Morago go ne ga fitlhelwa rraabone a akgega mo setlhareng gaufi le lefelo la tiragalo.
Ramapodisi a Baines Drift, Superintendent Thusego Kenyafetse, a re morago ga go begelwa tiragalo e, ba ne ba ragogela koo mme ba fitlhela mawelana ebong mosimane le mosetsana ba ba ngwaga le dikgwedi tse di borobabongwe le lesea la dikgwedi tse supa ba shwetse mo ntlong e bile ba tlhokafetse.
Supt Kenyafetse a re morago ga dioura di se kae, ba ne ba fitlhela monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa yo o tlholegang kwa kgotleng ya Mbuwe kwa Changate a akgega mo setlhareng.
Superintendent Kenyafetse a re monna yo, ke rraagwe bana ba, e bile o ne a nna le mmaagwe bana ba yoo dingwaga tse di masome a mabedi le boferabongwe yo o tlholegang kwa Tsetsebye.
A re mo lefelong la tiragalo go fitlhetswe garawe le sekupu sa parafene tse go belaesegang di dirisitswe ke monna yo.
A re dipelaelo tse di ntshitswe ke gore go fitlhetswe gape mokwalo o go belaesegang o kwadilwe ke monna yo, o bua dikgang tse di amanngwang le tiragalo e.
Supt Kenyafetse a re go tlhalosiwa fa monna yo a ne a ya go tsaya bana ba kwa lwapeng la ga mmaabone mogolo mme a laela mmaabone fa a tlaa ba fitlhela kwa lwapeng.
Ramapodisi o boletse fa ditlhotlhomiso di tsweletse mme o ne a gakolola setshaba go begela mapodisi, dikgosi kgotsa ba boipelego fa ba bona baagisanyi ba bone ba sa nne ka kagiso segolo jang fa ba tshela ka go kubetsana.
O gakolotse baratani go kopa bogakolodi fa ba na le dikgotlhang mo malwapeng a bone . BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : BAINES DRIFT
Event : Potsolotso
Date : 18 May 2016






