Breaking News

Bobonong o tshegeditse serodumo sa dikhwaere

18 May 2016

Bobonong ke mongwe wa metse e e itsegeng ka mmino wa dikhwaere.Fa a bua mo potsolotsong, moeteledipele wa setlhopha sa Bana ba Nare, Rre Mmabaledi Moseki a re bontsi jwa dikhwaere kwa Bobonong di sa ntse di na le tatso le moribo wa bogologolo.

O tlhalositse fa moribo le tatso eo e le sesupo sa gore Babirwa ba sa ntse ba tshegeditse ngwao, a tlatsa ka gore metswako e e dirwang mo dikhwaereng mo malatsing a gompieno ke yone e dirang gore serodumo sa dikhwaere se wele kwa tlase.

A re dinaka, diphala ga mmogo le dithupa  ke dingwe tsa dilo tse di neng di dirisiwa bogologolo mo dikhwaereng ka jalo a supa fa dikhwaere tsa Bobonong di sa ntse di tshegeditse selo se.Rre Moseki a re go wela tlase ga serodumo sa dikhwaere go ne ga mo gwetlha go tllhama setlhopha  se se bidiwang Bana ba nare maikaelelo e le go tshegetsa ngwao ya Setswana e go lebegang e nyelela.

A re setlhopha sa Bana ba Nare se tlhamilwe ka ngwaga wa 2010 ka maloko a le masome a mararo le botlhano.O kaile fa setlhopha se, se dira bontle thata mo dikgaisanong tsa ga Tautona tsa  dikgaolo (constituency competitions) le fa ntswa se ise se ke se fetele kwa pele kwa dikgaisanong tsa malatsi a ga Tautona (president's day competitions).

Rre Moseki a re setlhopha sa  gagwe se setse se kile sa ikgapela madi mo dikgaisanong tsa ga Tautona tsa dikgaolo mme e bile ka one madi ao, a kgonne go thusa setlhopha ka kapari ya bodiragatsi.O tsweletse a supa ka gore setlhopha sa Bana ba nare se inaakantse gape le go diragatsa mo meketeng ya manyalo le mo ditaletsong tse dingwe fela ka go farologana.

Rre Moseki o galaleditse Tautona wa  lefatshe la Botswana go bo a dirile mananeo a a thusang go ribolola ditalente tsa banana, a tlatsa ka gore bangwe banana ba setse ba kgona go itshetsa ka tsone ditalente tseo.

O supile fa mananeo a, a kgonne go ntsha banana mo mekgwatheng,majalweng le mo go direng ditiro tsa borukutlhi.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : BOBONONG

Event : Potsolotso

Date : 18 May 2016