Tshireletso o rotloetsa tiriso ya mananeo
16 May 2016
Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso, o boleletse banni ba Mahotshwane, Sekoma le Khonkhwa kwa kgaolong ya Jwaneng/Mabutsane gore ba tshwanetse go akola mananeo a ba a neelwang ke puso.
A re ba tshwanetse go ipela ka se puso e se ba diretseng ka go lwantsha mogare wa HIV le AIDS a bolela fa gompieno Botswana a gatetse pele mo dingwageng tse di masome matlhano.
Mme Tshireletso a re lephata la gagwe le ikaeletse go tlhokomela botlhe ba ba tlhokileng lesego jaaka ba-na-le-bogole, balwetse ba tlhaloganyo, bana ba ba senang batsadi le botlhe ba go bonwang ba tlhoka thuso ya puso.
O ne a gakolola banni gore thuso e ba ka e bona mo go ba boipelego, komiti ya ditlhabololo tsa metse le mokhanselara ka tshwaragano ya bone.
E rile a leboga mopalamente wa kgaolo, Rre Shawn Ntlhaile, a re e re ka kgaolo e wetswe thata ke lehuma, go a itumedisa go amogela ditsholofetso tsa ga tona.
O ne a kopa gore go nne le dikole tsa bananyana gore thuto e gole le maduo a dikole tse dipotlana e nne a a botoka.
Rre Ntlhaile a re mananeo a siame sebe sa phiri ke letlhoko la metsi mo kgaolong.
A re fa metsi a ka tla sentle mo bathong, mananeo a ka atlega.
O ne a kopa bodiredi jwa puso go tswaraganela tiro gore maiteko a puso a seka a wela fa fatshe mme le bone ba ba tsayang mananeo ba tlhokomele gore go nne le maduo a a ka isang ba bangwe kwa pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keabetswe Gobatlwamang
Location : MAHOTSHWANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 May 2016






