Domkrag o lela ka botlhoka tsebe
08 May 2016
Kgosi Domkrag Omphitlhetse wa Botlhapatlou mo kgaolong potlana ya Letlhakeng o supile matshwenyego ka dipolaano tsa baratani tse a reng di golela pele mo kgaolong ya gagwe.
E rile a bua mo potsolotsong, Kgosi Omphitlhetse a supa fa ba setse ba gatisitse dikgang tsa mohuta oo di le tharo le ya petelelo e le nngwe fa e sa le ngwaga ono o simologa.
A re fa go lebilwe selekanyo sa motse oo le gore ngwaga o santse o le mosha, bone joo ke palo e ntsi fela thata.
A re se se ngomolang pelo le go feta ke gore melato eo e dirwa ke banana ba ba lejwang e le bagogi ba kamoso, mme a supa fa ba tlhotllhelediwa ke nnotagi.
A re le fa dikgang tse di sa diragala mo Botlhapatlou, di tshwenya bogogi jwa motse ka jaana masimo a di diregang kwa go one e le a a welang ka fa tlase ga bogosi jwa motse oo.
Kgosi Omphitlhetse o supile fa ba sa robadiwe le ke bogodu jwa leruo, mme a re seo go lebega e le bolwetse lefatshe ka bophara.
Mo go tse dingwe, Kgosi Omphitlhetse o supile fa ipaakanyetso boipuso jwa bomasome a matlhano e tsweletse sentle mo motseng, mme a supa fa ba rulagantse metshameko ya setso ka mehuta e le tsela ya go leka go e ruta bosetlaboshweng.
Le fa go ntse jalo, o ne a lela ka leuba, a re ka ntlha ya dipula tse di boutsana tsa monongwaga, balemi ka bontsi ba boile ka nyobane e sa fotlhwa kwa masimo, selo se a reng se ka nna sa folodisa maiteko a bone a go supa dijo tsa setso ka boipuso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Koziba Masaseng
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 08 May 2016






