Botsogo jwa ngwana boswa jwa popota
08 May 2016
Mogokaganya ditirelo tsa go fokotsa kanamo ya bolwetse jwa AIDS, Mme Teresa Makati, o gakolotse batsadi le batlhokomedi ba bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse tlhano go tsaya boikarabelo jwa go abela bana bao tse ba di tlhokang mo kgodisong ya bone.
Mme Makati o ntshitse kgakololo eo fa a ne a simolodisa beke ya go fa bana mekento bogolo thata e ba e tlodisitsweng ka nako e ba neng ba tshwanetse go e fiwa.
A re ke boikarabelo jwa batsadi go isa bana go ya go fiwa mekento le marothodi a tshireletso malwetse go fokotsa dintsho tsa bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano.
O tlhalositse gore go tlhoka go tsiboga ka go isa bana bongakeng fa ba lwala go oketsa dipalo tsa dintsho tsa bana.
O kgothaditse batsadi go nna le boikarabelo mo kgodisong ya bana ba bone ka go ba abela tsotlhe tse ba di tlhokang e leng molao wa motia, lerato le go ba fa dijo tse di nang le dikotla.
Mme Makati a re fela jaaka bana ba baakanyediwa maina a batsadi ba eletsang go ba a fa, ba tshwanetse ba baakanyetsa gape go rupisa ngwana go dira ba booki fela a sena go tsholwa go na le go tlhoka go dira loaro ka bangwe batsadi ba re ke tshwetso e e tlaa dirwang ke bana ba sena go gola.
A re learo le le botlhokwa ka e bile ga le tseye lebaka le le leele go fola ebile le fokotsa kanamo ya mogare wa HIV ka diphesente di le masome a marataro ka jalo a re go molemo go le dira ngwana a sena go belegwa kana mo dikgweding tse thataro.
Mme Makati o bile a rotloetsa batsadi go dirisa malatsi a matlhano a go isa bana go fiwa mekento e ba e tlodisitsweng.
Fa a bua ka maikaelelo a letsatsi le, mogolwane kwa lekalaneng la thibelo malwetse, Mme Nancy Mogwera o tlhalositse gore ngwaga o ke wa borataro lefatshe leno le ipelela letsatsi le ka jaana a re ba botsogo ba bone go le maleba go nna le letsatsi le go abelana le batsadi thuto ya kgodiso ya bana ba ba dingwaga tse di ko tlase ga botlhano le tlhokomelo ya bone, go rotloetsa batsadi go dira bana loaro lo lo babalesegileng le go ba rotloetsa go tsaya mekento le marothodi a tshireletso malwetse.
Mongwe wa batsadi, Rre Edwin Motse o gwetlhile batsadi go direla bana ba bone boswa ka go ba fa botsogo jo bo siameng.
A re ngwana o tshwanetse a tlamelwa ka go fiwa dijo tse di haphegileng di na le dikotla, a fiwe bongaka le go tlhokomelwa.
A re mo Botswana ga gona lebaka lepe le motho a ka le fang go tlhalosa seemo se se bakwang ke go belegwa ga bana ba ba nang le mogare wa HIV ka a re puso e eme ka dinao go lwantsha bolwetse jo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Montshwari
Location : MOLEPOLOLE
Event : Tshimolodiso ya go fa bana mekento
Date : 08 May 2016






