Breaking News

Dikereke di rotloediwa go lwantsha lehuma

08 May 2016

Mothusa Tona mo Ofising ya ga Tautona le Bodirelapuso,  Rre Philip Makgalemele, o kgothaditse dikereke go kopana le dikgosi  go lwantsha lehuma.

Mothusa tona o ne a bua seo kwa kgotleng ya Kagiso kwa Selebi Phikwe.

Rre Makgalemele a re puso e ipeetse seelo sa gore ka 2017 lehuma le bo le nyeleditswe mme go ka kgonafala fa Batswana botlhe ba ka tsenya letsogo ba ntsha bonyennyane go kgobokanya go direla ba ba sa kgoneng.

Rre Makgalemele a re baruti ba tshwanetse go kgothatsana go nna pelo tlhomogi mo go ba ba tlhokang gore ba nne gaufi le bone, a re go thusa go ka dirwa ka ditsela tse dintsi jaaka  go gakolola le go sidilana maikutlo.

Rre Makgalemele a re baeteledipele le badirelapuso ke bone ba ka paledisang mananeo a puso mme e bile ke bone ba ka dirang gore a atlege. 

O  kgothaditse ba ba  ikopetseng mananeo a nyeletso lehuma go gololesega go leba mo kgaolong e ba leng mo go yone gore ke eng se se ka dirang botoka kana sa ba neela dipoelo.

Rre Makgalemele a re puso e tsenya madi a mantsi mo go tsa thuto go ruta bana gore ba tsoge ba itirela le go ntsha batsadi le ba masika a bone mo lehumeng. 

A re ba sa ntse ba le mo dipuisanong le ba lefatshe la Afrika Borwa go tsisa dimachine tse di  dirang didirisiwa tse di rekwang kwa ntle ga lefatshe la Botswana di dirwe gone mono. 

Rre Makgalemele o ne a tlhalosa fa dimachine tseo ditura mo go ka sekang ga kgonafala gore motho a rekelwe a le nosi, mme a ba kgothatsa  go ikopanya go bereka mmogo gore batle ba kgone go thusiwa.

Rre Makgalemele a re madi otlhe a nyeletso lehuma a fuduseditswe kwa ofising ya ga molaodi, mme a tlatsa ka gore a re puso e tlaa thapa bommaboipelego ba nakwana mme ba tlaa bo ba itebagantse le go sekaseka ba ba tshwanetseng go thusiwa ka tsa nyeletso lehuma. 

O ne a kgothatsa baeteledipele le ba ba filweng maikarabelo a go tsamaisa nyeletso  lehuma go seka ba kgetholola ba-na-le-bogole, a re batho ba ba tshelang le ba-na-le-bogole ba tshwanetse go ba direla dikarata tse di ba supang.

Rre Makgalemele a re ba dibase tsa Seabelo ba itlamile go pega ba-na-le-bogole kwa ntle ga dituelo dipe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 08 May 2016