Breaking News

Banni ba tsosolosa mokgatlho wa ba-na-le-bogole

08 May 2016

Banni ba metse ya kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami ba sa tswa go tlhopha maloko a masha a mokgatlho o o ikaelelang go emela ba--na-le-bogole morago ga gore o o kileng wa bo o le teng o phutlhame mo dingwageng tse di fetileng.

Mogokaganyi wa mokgatlho oo, wa leina la Itekeng Batswapong Disability Association, Rre Moatshe Motoma o boletse bosheng kwa phuthegong ya go tsosolosa mokgatlho oo gore kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami e na le batho ba ba tshelang ka bogole ba le bantsi thata.

Rre Motoma a re ka jalo go a tshwanela gore kgaolo e nne le mokgatlho wa mofuta o.

A re maikaelelo a mokgatlho ke go bona ba-na-le-bogole ba sireletsegile, ba akola ditirelo tsotlhe tse di akolwang ke mongwe le mongwe e bile le ditshwanelo tsa bone di sa gatakiwe ka dinao.

Rre Motoma a re mokgatlho o tlaa nna o amogela matshwenyego otlhe a ba-na-le-bogole.

O ne a supa fa ba tlaa leka ka bojotlhe go ba thusa go rarabolola diemo tseo.

A re gape mokgatlho o tlaa nna o kopanya ba-na-le-bogole mo lefelong le le lengwe gore ba kgone go itumela mmogo le go bua ka tse ba kopanang natso tsatsi le letsatsi mo botshelong.

Rre Motoma a re gape mokgatlho o o eletsa go bona ba-na-le-bogole ba akola thuto e e maleba e bile ba kgona go akola le mananeo a a ka tokafatsang matshelo a bone.

O boletse gore keletso e nngwe ya mokgatlho ke go bona kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami e na le sekole sa ba-na-le-bogole se se nang le ditsompelo tsotlhe.

Rre Motoma o tlhalositse gape fa ba ikaelela go rotloetsa banalebogole go ribolola ditalente tsa bone gore le bone ka moso ba tsoge e le dikgantshwane mo lefatsheng leno.

Le fa go ntse jalo, Rre Motoma o ne a bolela fa a le maswabi go bo go sa ntse go na le malwapa a a  nang le ditlhong tsa go ntshetsa ba-na-le-bogole mo pontsheng. 

A re mokgatlho o o tsile go lwa le diemo tsa mofuta o.

Rre Motoma a re go lemoga gore toro ya bone e diragetse, ba tlaa simolola go bona dingwe tsa dipharologanyo jaaka go bona ba-na-le-bogole ka bontsi ba tshela botshelo jo bo eletsegang.

A re ba-na-le-bogole ba tlaa simolola go seke ba lebalwa kgotsa ba salela kwa morago mo ditirong tsotlhe tsa setshaba.

Mothusa kgosi wa Sefhare, Kgosi Mpeo Mpeo o ne a supa fa a itumelela thulaganyo ya go tsosolosa mokgatlho wa ba-na-le-bogole mo kgaolong ya bone.

Kgosi Mpeo a re ke nako ya gore kgethololo mo bathong ba ba tshelang ka bogole e nne selo sa maloba. 

A re go nna ba bewa kwa morago ga matlo go lebalwe mme ba newe tlotlo e e tshwanetseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : SEFHARE

Event : Phuthego ya mokgatlho wa Batswapong Disability Association

Date : 08 May 2016