Breaking News

Lephata temo-thuo le supa lorato

05 May 2016

 

Ba lephata la temo-thuo mo Kgatleng ba ne ba supa lorato ka go penta ntlo, go aga ntlo ya boitiketso le go rekela ba lolwapa loora Mokgethi dijo kwa Morwa ka Labotlhano.

Fa a bua le BOPA mo potsolotsong, mogolwane wa lephata leo, Mme Baitshepi Babusi-Hill o ne a tlhalosa fa ba ne ba ikgolaganya le ba ofisi ya boipelego go thusa ba ba tlhokang thuso.

O boletse fa bana ba lolwapa loo ba fera bongwe e le dikhutsana le a le mongwe fela yo o nang le bolwetse jwa tlhaloganyo.

A re ba ne ba thulanya ditlhogo e le badiri go bona gore letlhoko le fa kae mme ba lemoga fa go aga ntlo ya boitiketso ka e e teng e ne e setse e tletse le gone go shafatsa ntlo ya bone.

A re ba ne gape ba kopa dithuso mo dikgwebong le balimisi ka go farologana, a supa fa ba Builders World ba ne ba ba thusa ka didirisiwa tsotlhe tsa kago ya ntlwana.

Mme Babusi-Hill o boletse fa ba Botswana Marketing Board (BAMB), Agri Feed le Selema farm e le bangwe ba ba nnileng le seabe mo tirong eo, a tlatsa ka go re ba Agri Shop  ba ba file dikoko tsa mae di le masome matlhano.

O ne a supa gape gore ba ba reketse dijo tsa dikoko le hoko.

Mongwe wa ba lolwapa loo, Mme Tshegofatso Mokgethi o ne a supa Boitumelo, a tlhalosa fa go le bokete thata mo go ene ka e le ene a setseng le bana. O ne a leboga ba lephata leo thata, a tlhalosa fa thuso ya bone e tsile ka nako e e maleba mme a ba rotloetsa go tswelela ka mowa o montle oo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : MORWA

Event : INTERVIEW

Date : 05 May 2016