Letso ga le a tshwanela go tsena Batswana gare
26 Apr 2016
Go tlhalosiwa fa ngwao e le tsela e batho ba tshelang ka yone, le e ba ka tshedisang batho ba bangwe ka yone.
Kgosi Kgari III wa Bakwena o tlhalositse jalo kwa moletlong wa go ipelela ngwao ya Bahurutshe kwa Mmankgodi ka Matlhatso (Moranang a le masome mabedi le boraro).
Kgosi Kgari a re jaaka ngwao e tswelela ka go nonofa, batsadi ba tshwanetse go e ruta bana ba bone le go ba ruta puo ya Setswana gore ba gole ba itse puo ya gagabo.
O tlhalositse gape fa dipharologanyo tsa letso di sa tshwanela go kgaoganya Batswana, mme ba tshwanetse go tswelela ba tshela mmogo ka kagiso, ba seka ba letlelela dikgoberego le tlhakatlhakano tse ba di bonang kwa mafatsheng a mangwe.
Kgosi o boletse fa Batswana ba tshwanetse go ruta ditshaba tse dingwe gore ba ka tshela mmogo ka kagiso le ntswa ba le merafe e e farologanyeng, ba bo ba tlhomamise gore dilo tse dingwe ga di ba senyetse ngwao.
O kopile ba itsholelo e ba letlang, go ipulela makalana a kgaso a television, a a itebagantseng fela le tsa ngwao. A bo a kopa Batswana go rotloetsega go itirela ditshwantso tsa motshikhinyego tsa Batswana le metshameko ya Setswana.
O kopile babegadikgang gore e re fa ba bega dikgang tsa ngwao, ba seka ba itira jaaka ekete ga ba itse ngwao le gore ba seka ba itlhokomolosa Setswana.
E ne erile fa a amogela baeng, Kgosi States Letlole wa Mmankgodi, a supa fa ba ne ba eleditse go tshwara moletlo wa ngwao ngwaga e e fetileng, mme ka go tlhoka lesego ba tlhokafalelwa ke dikgosi tse pedi ka go tlhomagana, ebong Kgosi Thobega Letlole yo a neng a le kgosi ya Mmankgodi go tloga ka ngwaga wa 1953, go fitlhela a tlhokafala ngwaga e e fetileng, mme morago ga gagwe ga tlhokafala monnawe.
O tlhalositse fa ba ne ba tlosolosa moletlo o, mme fa ba re ba simolola go ipaakanyetsa moletlo, ga tlhagoga dikgang tsa nare e e neng e bonywe kwa kgaolong ya gaNgwaketse, e e batlileng go ba tlhakatlhakanyetsa dilo, ka jaana go ne go raya gore ba ya go nna le mokete o o senang nama.
Kgosi Kebinatshwene Mosielele wa Manyana, o ne a kopa Motswana mongwe le mongwe gore se a se dirang a tlhome lefatshe la Botswana kwa pele ga sereto sa gagwe, ba seka ba lebala gore ke Batswana.
O tlhalositse fa Batswana ba sekei tota, ba tlholega kwa lefatsheng la Afrika Borwa mo monneng yo a neng a bidiwa Kgosi Phofu.
O boletse fa monna yo a ne a na le ntlo e tona e kwa go yone go neng ga tsalwa Mohurutshe, fa kwa go e potlana go ne ga tsalwa Kwena, Ngwato le Ngwaketse.
O tlhalositse fa Mohurutshe a ne a tsala Motebele le Motebejana, mme Motebele a ne a busa ka chaka, a supa fa erile nako nngwe fa Motebele a ile letsomo, a ne a bona tshwenyana a bo a e tsaya a e isa gae ka e ne e mo kgatlha.
O tlhalositse fa a ne a re a ya letsomo, a ne a laela Motebejana go sala a disitse tshwenyana e thata, gore e re a boa a e fitlhele, mme ka go tlhoka lesego erile tshwenyana e e bona ditshwene tse dingwe ya bo e siya, ke moo Motebejana le rraagwe le morafe o mongwe ba ne ba siela ntlheng ya lefatshe leno, ba ya go thibelela kwa motseng wa Otse, morago ba ya Lobatse, Tsabong, Hukuntsi ba bo ba tlolela kwa lefatsheng la Zimbabwe.
O boletse fa sereto sa tshwene se dule gone fa.
O tlhalositse fa ba ne ba kgokgontshiwa ke Matebele kwa Zimbabwe mme ba boa ba ya go fitlha kwa Tonota, kwa erileng ba fitlha teng morafe wa Bakalaka wa ba bitsa Bakhurutshe. O boletse fa Motebejana a ne a siya gape a tla ntlheng ya Manyana, Mmankgodi le gooSethebe.
O boletse fa Bahurutshe ba Mmankgodi e le ba gooNong, a bo a tlhalosa fa a tlaa tlhalosa thata ditso tsa Bahurutshe kwa moletlong o motona o ba o rulaganyetsang mo ngwageng o. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : MMANKGODI
Event : Ipelelo moletlo wa ngwao
Date : 26 Apr 2016






