Mopalamente o lekola ba-na-le-bogole
25 Apr 2016
E rile bosheng, mopalamente wa kgaolo ya Thamaga/Kumakwane, Rre Tshenolo Mabeo, a bolotsa letsholo la go lekola ba-na-le-bogole.
E rile a itekodisa mopalamente, mongwe wa ba-na-le-bogole, Mme Mophuthi Rankatlo a tlhalosa fa a itumelela dithuso tse a di bonang.
O ne a tlhalosa fa a bereka Ipelegeng mme e bile e le yone e mo tshetsang ka a kgona go reka dijo mo lwapeng.
Mme Rankatlo a re o diretswe tshingwana ya merogo mme a bolela fa a e mo thusa thata.
Mme Bobedi Kowa, motsadi wa ga Boitshwarelo Kowa yo e leng mo-na-le-bogole, o ne a tlhalosa fa ngwana wa gagwe a ise a bone dithuso dipe go tswa mo pusong, mme a re ba ofisi ya boipelego ba ne ba tla go mo sekaseka le fa ba ise ba mo fe dithuso dipe.
O ne a tswelela a tlhalosa fa tshipi e ngwana a e dirisang go tsamaya e senyegile mme ba sa ntse ba emetse ba kokelo ya Marina go ba neela e nngwe.
Mme Kowa o ne a ngongoregela se a reng ke boitseme jwa babereki ba kwa diofising ka ba le maoto a tshupa go ba thusa fa ba tlhoka dithuso.
Rre Mabeo, yo gape e leng Tona wa tsa Dipalamo le Ditlhaeletsano, o ne a ba kopa go nna pelo telele le go leka ka bojotlhe go itirela ka diatla fa ba kgonang teng.
O ne a tlhalosa gore go nna le bogole ga go reye gore motho o ka se itirele sepe.
O ne a tlhalosa fa a tlaa kgothatsa ba ba mo diofising tse di maleba go tlhatlosa maoto.
Tona o tlhalositse fa tekodiso e e tsile ka a ne a batla go bona ka fa ba-na-le-bogole ba tshelang ka teng, gore e re a ba buelela kwa palamenteng a bo a itse gore o bua ka diemo tse di ntseng jang.
O ne a patilwe ke mokhanselara wa Thamaga Bophirima, Rre Tona Selala, ga mmogo le mokhanselara yo o itlhophetsweng Rre Vincent Sebalo BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gofaone Makhaya
Location : THAMAGA
Event : Tekolo ya bo na na le bo gole
Date : 25 Apr 2016






