Breaking News

Tlotlang kgotla - Molefhi

16 Dec 2014

Modiri wa pele wa  mmadikolo Dr Rogers Molefhi o gakolotse Batswana le bodiredi jwa makgotla a Setswana go tlotla kgotla ka e le yone e go rerelwang ditlhabololo tsa lefatshe le tsa matshelo a batho mo go yone.

Dr Molefhi o buile se fa a ne a simolodisa semmuso bokopano jwa lesome le boferabongwe jwa ngwaga le ngwaga jwa lekgotla la badiri ba dikgotla la BOTASA (Botswana Tribal Administration Service Association) jo bo tshwaretsweng kwa Ghanzi.

Maikaelelo a phuthego ke go buisana ka dikgang tse di amang lephata la bone le go tlhopha komiti e ntshajone konokono ya puso ya lefatshe la rona, mme a gakolola bodiredi go tlotla kgotla ba seka ba lebelela dithutego tsa bone kana dipharologanyo tsa bone tsa sepolotiki ka gore kgotla ga e tseye matlhakore ebile ga e letlelele sepolotiki mo go yone.

Dr  Molefhi a re kgotla e rotloetsa mowa wa go direla dilo mo pontsheng, ka gore fa re le mo kgotleng re a lekalekana e bile mafoko a kgotla a mantle otlhe. A re dikgang di akaretsa go rera lenyalo la kgosi di ne di buelwa mo kgotleng morafe o na le seabe mo go tsone e le tsela ya go aga tshepho magareng ga kgosi le morafe.

A re kgotla e aga puso ya batho ka batho a tlatsa ka gore lekoko la dikgosi le le neng le tswa go kopa boipuso kwa ga Mmamosadinyana ba ne ba simolotse pele ka go kopana le go rerisana mo kgotleng. Dr Molefhi a re kgotla e rotloetsa botho, mme badiri ba makgotla a Setswana ba tshwanetse go bonwa ka botho le maitseo fela jaaka moono wa letsatsi o re “Kgotla motheo wa rona”.

A re le sekolo sa Mmadikolo se rerilwe pele mo dikgotleng mme ga dumalanwa mogopolo wa gore motho le motho a ntshe kgomo se agiwe mme ka tshwaragano ya merafe se  ne sa kgonega.

Dr  Molefhi a re kabo ya lefatshe e ne e reriwa mo lekgotleng go akarediwa ba-na-le seabe botlhe. Dr. Molefhi a re ga a itumedisiwe ke seemo sa gomepieno se bodiredi jwa makgotla a Setswana ba direlang mo go sone ka gore ga gona kwa ba ikoketsang teng dithuto le dikitso ka bogosi le kgotla. 

A re badiredi ba dikgotla ba tshswantse go nna le kitso ka bogosi le tikologo e ba direlang mo go yone e leng kgotla gore tirisano ya bone le dikgosi e nne ya motiya mme ba ise ditlamelo tse di nang le boleng kwa Batswaneng.

O rotloeditse Batswana go itshwara sentle ka malatsi a boitapoloso bogolo jang banana a re ba ikgaphe mo go diriseng bojalwa phetelela mme gape ba ikgaphe mo go tsa tlhakanelo dikobo e le tsela ya go ikgapha mo boimaneng le malwetse a tlhakanelo dikobo a tshwana le HIV/AIDS jo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lemogang Madumane

Location : GHANZI

Event : Bokopano jwa BOTASA

Date : 16 Dec 2014