Breaking News

OLDM e ipelela go akarediwa ga kokelo

16 Dec 2014

Mogolwane wa meepo ya Orapa, Letlhakane le Damtsha (OLDM), Dr Adrian Gale o akgotse bogogi gammogo le babereki ba sepatela sa Orapa go bo ba tsweletse ka maitlamo a bone a go dira tiro ya boleng jo bo kwa godimo.

Dr Gale o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela go akarediwa ga sepatela sa Orapa mo lekgotleng la Council For Health Services Of Southern Africa, COHSASA kwa Orapa bosheng, a tlhalosa fa maiteko a bone a supiwa ke ka fa ba tsweletseng ka go ntsha maduo a a kwa godimo ka teng fa e sale ba simolotse lenaneo le.

O tsweletse a re maitlamo a meepo ya OLDM ke one a dirang gore ba tswelele ba tsabakela e bile e nne sekai mo go ba bangwe, ba bereka ba le seopo sele sengwe, ba tshepagala mo balwetseng gammogo le mo badiring ka bone.

A re maitlamo a bone a ka ba thusa mo go tlhabololeng tiro ya bone. O tsweletse a tlhalosa gore COHSASA e supa gore sepatela sa moepo wa Orapa se tla tswelela sele kwa godimo ka jalo o eleletsa babereki ba sepatela seo go tsweledisa bonatla jwa bone le mo dingwageng tse di latelang.

Dr Gale a re ba tsene lantlha mo lenaneong la COHSASA ka 2000 mme  ba sala morago tse di tlhokegang ka jalo ba kgona go dira botokanyana. A re  mo ditshekatshekong tsa ngwaga ono ba tsere 99% fa  mo ditirelong tsotlhe gone ba bone 88%, selo se se  dirang gore sepatela sa Orapa se tswelele mo lenaneong ngwaga tse tharo.

A re sepatela sa moepo wa Orapa se dira ka natla e bile se ntsha ditirelo tsa maemo a a kwa godimo ka lebaka la boeteledipele jwa tlhwatlhwa selo se a reng se supa kgatelo pele mo maitlamong a bone a ‘Orapa Gompieno Boteti Kamoso’ le go dira Orapa lefelo la maemo a a kwa godimo go nna le go berekela teng.

Mogolwane wa COHSASA, Mme Jacqueline Mary Stewart a re lekgotla la bone ga le dire dipoelo mme ke lengwe la makalana a masome a mabedi le bosupa a a itebagantseng le botsogo mo lefatsheng ka bophara. Mme Stewart a re ba ipelafatsa ka tiro ya bone kwa COHSASA bogolo jang fa ba bona babereki ba sepatela ba le moono mongwe fela mo go diragatseng lenaneo la COHSASA jaaka ba sepatela sa moepo wa Orapa ba dirile.

Mogolwane wa sepatela sa moepo wa Orapa, Dr Hans Van Zyl a re ba amogetswe mo lenaneong la COHSASA ngwaga ono morago ga maiteko a magolo le go bereka ka natla mo ngwageng tse tharo ba somaretse sesupo sa COHSASA. Dr Van Zyl a re lenaneo la COHSASA le ba rotloetsa  go fa ba-na-le-seabe le setshaba ka kakaretso ditirelo tsa maemo a a kwa godimo a a dirwang ke sepatela sa bone go akaretsa pabalesego le tlhokomelo ya balwetse.

O akgoletse babereki ba sepatela sa moepo wa Orapa maiteko a bone a go netefatsa gore toro ya bone e a atlega ,a ba a ba kgothatsa go tswelela pele ka go dira bontle mo tirong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Moletlo wa sepatela

Date : 16 Dec 2014