Breaking News

Kereke e fa baithuti didirisiwa

16 Nov 2014

E rile bosheng bomme ba kereke ya Anglican ba kgaolo ya Bokone ba abela baithuti ba le masome a mararo le motso ba sekolo se se botlana sa Moroka mo kgaolong ya Bokone Botlhaba  diaparo le didirisiwa tse di tlhapang tse di ka lopang P5 000.

Fa a tswa la gagwe kwa kabo dimphong eo, moeteledipele wa kereke ya Anglican ya  Moroka, Motiakone Lydia Maseko a re  lefoko la Modimo le rotloetsa batho go rata yo mongwe jaaka motho a ithata jalo e le bomme ba thapelo ba bone go tshwanela gore ba dire sengwe mo matshelong a bana bao.

Mme Maseko a re ba dirile seo e le go leka go bontsha bana bao lorato gore ba itse fa go na le batsadi bangwe ba ba kgathalang ka bone.

O tsweletse a re bomme ba kereke ya Anglican ba kgaolo ya Bokone, ba ne ba tshwerwe bokopano jwa merapelo ya tidimalo jo bo neng bo tshwaretswe kwa Moroka bosheng mme ba dumalana ba bo ba itlama gore mongwe le mongwe wa bone a reke sepe fela se a ka se kgonang gore ba abele bana ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

Morutabana wa bana bao, Mme Patricia Sechele o tlhalositse fa lekalana la baithuti ba ba nang le bogole le ne la bulwa mo sekoleng sa Moroka ka 2007 mme ba amogela bana go tswa mo motseng wa Moroka le e e mabapi. 

O tsweletse a re ba leka go suga bana bao go netefatsa gore ba nna le bokgoni mme fela go na le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone jaaka tlhaelo ya didirisiwa tse di tshwanetseng go ka dirisiwa ke baithuti bao.

Mothusa mogokgo wa sekolo sa Moroka, Mme Alakanani Stephen a re bana bao ga ba a tshwanela go lejwa le go tsewa ba le pharologanyo mo go ba bangwe mme ba tshwanetse ba akola tsotlhe tse di akolwang ke ba bangwe, go balelwa le gone go fiwa lorato tota.

Kgosi George Moroka wa Moroka, o akgotse ba kereke ya Anglican mo tirong e ba e dirileng ka a re ba supile fa ba kgathala ka matshelo a bangwe ka bone, bogolo jang ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. 

Kgosi Moroka a re ba dirile tiro e bana bao ba ka sekeng ba e lebala mo botshelong jwa bone ka jalo a gwetlha batlhokomedi ba bana bao go ba letlelela go dirisa dilwana  tse ba di filweng ka fa ba batlang ka teng. 

O tsweletse a gwetlha kereke eo go tswelela ka mowa oo wa go aba, a re ba seka ga felela fela mo motseng wa Moroka mme ba atolosetse thuso ya bone kwa metseng e mengwe ya lefatshe leno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Kabo dimpho

Date : 16 Nov 2014