Merogo e siametse botsogo
16 Nov 2014
Setshaba se rotloeditswe go itlwaetsa go ja merogo go sireletsa mebele ya bone mo malwetseng.
Fa a amogela balalediwa ba tlotla mo bokopanong jwa go simolodisa tshingwana ya merogo le maungo, kgosi kgolo ya Bakwena Kgosi Kgari III a re tshimolodiso ya tshingwana ya merogo le maungo ke nngwe tsela ya go bula setshaba matlho go ba rotloetsa go ja merogo.
Go tlhalositswe fa mogopolo o wa tshingwana o tsile ka Mme Khumo Kebitsang yo eleng mooki mogolo wa Molepolole Community Clinic ebile e le modulasetilo wa kgaolo ya dikokelwana ya Molepolole Borwa.
Mme Onkemetse Kgano yo e leng moithaopi mo go tsa tlhokomelelo balwetse kwa malwapeng o lebogile Mme Kebitsang go nna pelotelele fa a bereka le bone mo go simolodiseng tshingwana e.
O boletse fa tiro e ba e dirang e na le dikgwetlho di akaretsa go tlhoka sepalamo sa go tlhola balwetse gangwe le gape le go ba senkela melemo mo dikokelong jalo a ikuela mo bagolwaneng ba lephata la botsogo go sekaseka dikatso tse ba di neelwang.
Mme Kgano o tsweletse a kopa gore go dirwe lefelo le balwetse ba ka bewang teng gore ba tle ba tlholwe golo go le gongwe fela, go leka go tila dikgwetlho tse dingwe tse ba di raletseng.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa magae le metse, Mme Lenah Batsima o lebogile Mme Kebitsang ka go tsena ntlo le ntlwana a kopa dithuso tsa go rulaganyetsa tshingwana e. Mme Batsima o kopile setshaba go tsweledisa se Mme Kebitsang a se simolodisitseng le fa a ka tlogela go direla mo kokelwaneng ya Molepolole Community.
Mookamedi wa tsa tlhokomelo balwetse kwa malwapeng mo lephateng la botsogo, Mme Penny Makuruetsa o tlhalositse gore lekalana la tlhokomelo e e faphegileng ya balwetse le simolodisitswe e le go leka go tokafatsa tlhokomela ya balwetse kwa malwapeng mme se se dirilwe morago ga gore mokgatlho wa tsa botsogo wa mafatshe o dire ditshekatsheko tse maduo a tsone a supileng fa balwetse, bogolo jang ba ba tlhokomelelwang kwa malwapeng, ba tshabelelwa ke ditlhabi le matshwenyego.
E re ka go lemogilwe se, Mme Makuruetsa o tlhalositse gore tlhokomelo e e fiwang balwetse e itebagantse le go tokafatsa botsogo jwa bone ka kakaretso le ba malwapa a bone ka go ba imolola manokonoko a ditlhabi tsa bolwetse le go tsibogela dikgwetlho tsotlhe tse di tlang le bolwetse.
A re dikarolo tsa tlhokomelo balwetse e e faphegileng di akaretsa go reba ditlhabi le dikai dingwe tse di tlang le go jwelelela ga bolwetse, go fa balwetse mefuta e e botoka ya go ja le go baakanyetsa balwetse le ba malwapa motlha wa bofelo gammogo le go rutuntsha ba lelwapa go amogela kutlobotlhoko.
Mme Makuruetsa a re tlhokomelo e e faphegileng ke tshwanelo ya molwetse mongwe le mongwe mme ebile molwetse o tshwanetse gore a fiwe seriti le tlhokomelo e e maleba.
Mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Muhammad Khan o rotloeditse setshaba go nna le mowa wa tirisano mmogo e seng go gogela tlase ba go bonwang ba dira sentle mo setshabeng a bo a gakolola dikokelwana tse dingwe go tsaya malebela mo kokelwaneng ya Molepolole Community. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thandie Keitumetse
Location : MOLEPOLOLE
Event : Tshimolodiso ya tshingwana ya merogo
Date : 16 Nov 2014