Breaking News

Bobedi bo itomile molamo wa tlase

11 Nov 2014


Bomme bangwe ba Themashanga kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba tlhalositse fa go se botlhe ba ba ka dirisang matsana a ba nang le one go itirela dikgwebo le ntswa ba na le dikitso dingwe tse di ka ba tshetsang.

Mme Soni Kondanani le ngwana wa gagwe Chinana ba tlhalositse mo potsolotsong fa go na le bangwe ba ba santseng ba lala ka tlala le ntswa ba na le bokgoni jwa go ka itirela mme ba re batho bangwe ba boitseme go dirisa mananeo a puso a nyeletso lehuma.

Ba tlhalositse fa go itirela ka diatla go tsenya madi mo lwapeng mme e bile ba kgona go reka dijo le tse dingwe tse ba di tlhokang gammogo le go tsenya bana dikole.

Mme Soni Kondanani o tlhalositse fa a loga ditlatlana a dirisa dikgetsi tsa dinamune ka di se thata go bonwa fa di tshwantshanngwa le mokolwane o a o rekang kwa Nata.  A re o ikaelela go kopa dithuso go atolosa kgwebo ya gagwe.

A re o dumela fa matsana a a bonang mo thekisong ya ditlatlana a ka mmoloka motlhang a hularang mo lefatsheng leno ka a kgona go boloka bontlha bongwe jwa dipoelo tseo.

Mme Chinana Kondanani ene o itshetsa ka go loga diaparo ka mefuta, di akaretsa dijesi, mebese, mesese ya bana.  A re o ne a emisa kgwebo eo ka sebakanyana ka mabaka a bolwetse mme yare moragonyana a e simolodisa gape go fitlha mo nakong ya gompieno.

Bomme ba, ba tlhalositse fa ba ikaelela go leka botshelo ka gotlhe mo ba nang le gone ka go se motlhofo segolo jang fa motho a sa bereke e le mogodi  mme e bile gape a nale bana ba a tshwanetseng go bona gore ba bona dijo e bile ba tlhoka le go tsenngwa  dikole.

O tsweletse a re e re ka a lemogile fa a dirisa madi a mantsi go reka didirisiwa tsa gagwe jaaka diwulu, o ikaelela go kopa dithuso kwa go ba boipelego ka e bile a lemogile fa bontsi jwa Batswana, segolo jang bomme, ba na le kgatlhego e ntsi ya go apara diaparo tsa ditlhopha tsa kgwele ya dinao tse di logilweng ka wulu.

E ntse e le mo motseng o, Mme Omphitlhetse Nfila yo ene a thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma o tlhalositse fa a ne a fiwa madi ngwaga o o fetileng go reka dithunya, dipente le tse dingwe ka ene a dira mekgabisa ka dipampiri tsa dikgang tse di fetilweng ke nako mme e bile gape fa a dira mekgabisa e mengwe ka bojang jo a bo kgetlang kwa Nata.

Mme Nfila a re o simolotse a rekisa dipheelo tsa bojang mme a lekeletsa go dira mekgabisa ka dipheelo tseo. A re bontsi jwa Batswana ba ne ba supa kgatlhego le thotloetso mo mekgabiseng eo.

A re mo nakong eno o santse a rekisa mo mebileng  mo motseng wa Themashanga le kwa Tshesebe, Masunga le Francistown mme e bile le ba Gaborone ba supile kgatlhego mo  mekgabiseng ya gagwe.

A re o rekisa mokgabisa o o dirilweng ka bojang P50, wa dipampiri P25 le P20 mme e bile o eletsa gape go rutuntsha bangwe ka ene gore le bone ba kgone go itshetsa go lwantsha lehuma mo malwapeng a bone.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 11 Nov 2014