Ngwana lekuka oa sokelwa
12 Nov 2014
Mopalamente wa pele wa Letlhakeng Bophirima, Rre Filbert Nagafela o gakolotse batsadi ba Khudumelapye go tshwaraganela thuto ya bana le batsadi go ba betlela bokamoso.
Fa a bua kwa moletlong wa kabo dimpho ya sekole seo bosheng, Rre Nagafela o supile fa thuto e ka tshwantshanngwa le batshameki ba kgwele ya dinao ka gore phenyo mo motshamekong e dirwa ke neelano ka jalo le mo thutong fa go na le neelano le tirisano mmogo mo go botlhe ba ba tsayang karolo go ka nna le maduo a a botoka.
O tlhalositse fa thuto e le yone e e baakanyetsang bana bokamoso. Rre Nagafela a re o akgola sekole sa Khudumelapye go bo se ntshitse bagaka ba ba tshwanang le bo Lieutenant D’mcaza Mokgwathi yo e leng mongwe wa bagolwane ba sesole sa Botswana mo nakong eno.
O gakolotse batsadi go fa bana ba bone molao o o tiileng go ba supetsa tsela e e siameng. O kgothaditse batsadi le barutabana go lemoga ditalente tsa bana le go ba ema nokeng ka ba ka itshetsa ka tsone. O kaile gore fa bana ba sa dire sentle mo thutong ba tshwanetse go rotloediwa go dirisa ditalente tsa bone gore ba kgone go itshetsa ka tsone mo isagong.
Mogokgo wa sekole seo, Mme Nancy Mukuwa o supile fa sekole sa gagwe se tlhaelelwa ke didirisiwa tsa thuto di akaretsa dibuka mme a re ba itumelela tirisano mmogo ya bone le batsadi ka ba ba thusa ka tse ba di tlhokang e le sekole di akaretsa dibuka le dipampiri tse di ntsifatsang meriti.
O tlhalositse fa sekole se dirile bontle monongwaga mo metshamekong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Senkokame Dibeko
Location : LETLHAKENG
Event : Moletlo wa kabo dimpho
Date : 12 Nov 2014