Breaking News

Bomme ba Kamo le Kamo ba abela ba-na-le bogole

11 Nov 2014

E rile bosheng bomme ba kereke ya Assemblies of God (Kamo le Kmo) ba abela ba-na-le bogole dikolotsana tse di dirisiwang go pega balwetse di le lesome le dithobane tse di  ikokotlelang.

E rile a bua mo bokopanong jwa ngwaga le ngwaga jwa bomme ba kereke eo, mothusa mokwaledi wa lephata la botsogo, Mme Ontlametse Mokopakgosi a bolela fa go le molemo go nna karolo ya go rola dimpho tseo go thusa ba-na-le bogole.

Mme Mokopakgosi o boletse fa tiro eo ya go aba dimpho e le nngwe ya matshego a tebelopele ya 2016 a tshaba e e kgathalang e na le kutlwelo botlhoko. O tlhalositse fa puso e thusa batho ba ba tlhokileng lesego le ba ba sa kgoneng go itirela mme  go le botlhokwa go e thusa ka e ka se kgone go dira jalo e le nosi.

Mme Mokopakgosi o tlhalositse gore bogologolo ba-na-le bogole ba ne ba fitlhiwa mme mo nakong eno ba a bonwa ebile ba nna sentle le batho. A re go molemo gore batho botlhe ba ba nang le bogole ba fiwe  lorato le go bona gore le bone ba tshwanelwa ke tsotlhe ka ke batho fela jaaka mongwe le mongwe.

O boletse gore  ba-na-le bogole ba na le dikgwetlho di akaretsa go tlhoka go ikamogela seemo mo go dirang gore  ba seka ba kopakopana le  batho motlhofo, seo se dire gore ba tlale tshakgalo go bo go nna bokete gore ba malwapa a bone ba tshele le bone.

A re seemo se se tlhoka batho ba Modimo go ba ema nokeng go ba tsisetsa tsholofelo le gore ba ikamogele, a tlatsa ka gore go ba supetsa lorato go oketsa tsholofelo ya bone le kgolagano mo malwapeng le  ba ba tshelang le bone e bile go tlisa lesedi le boitumelo mo go ba ba itlhobogileng.

Mme Mokopakgosi o akgotse bomme ba kereke eo go bona go tshwanela go otlolola letsogo go thusa ba ba sa kgoneng.

O boletse fa setlhogo sa letsatsi leo sa, “Go buseletsa bomme ba bogosi” se le botlhokwa e bile e le kgakololo gore setho se Modimo a se beileng mo mothong wa mme ke boitshoko le pelo ya lorato go belega ba ba tlhokang thuso.

Mogolwane go tswa mo lephateng la matshelo a batho le tlhabololo ya metse go tswa kwa khanseleng ya Gaborone, Mme Milane Selwe o tlhalositse fa kereke e thusa puso fela thata e bile e le botlhokwa mo setshabeng ya Botswana ka e ema nokeng batho ba ba farologaneng. 

Mogolwane wa komiti ya bomme, Mme Tsholofelo Radimo o boletse fa kereke e tlisa tsholofelo le popagano mo setshabeng ka kakaretso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Letshelaphala

Location : MOCHUDI

Event : Bokopano

Date : 11 Nov 2014